Ba Mookane ba lela ka tiego ya ditlhabololo
20 Sep 2023
Banni ba Mookane mo kgaolong ya Mahalapye botlhaba ba ngongoregile gore puso e ntsha ditlamelo mme ga di goroge kwa bathong.
Fa a bua mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Yandani Boko bosheng, Kgosi Gaselemoge Molefi o boletse fa ba tlhaelelwa ke matlwana a borutelo kwa sekoleng se se botlana le se segolwane.
A re sekole se segolwane ga se nke se nna le mogokgo gammogo le mothusi wa gagwe, a tlhalosa fa seo se ama tsamaiso ya sekole.
Kgosi Molefi o ne a akgola barutabana ba sekole se segolwane go bo ba tshwere tiro ka botswerere le fa ba tlhaela.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Basimane Mannaesi a re ba na le matshwenyego a ba nnang ba a isa kwa pusong go sena karabo epe.
A re baithuti kwa sekoleng se segolwane ba pitlagane mo matlong a borobalo.
Rre Mannaesi a re batho ba khansele e ba thapang go dira ditiro tsa puso, ga ba dire jaaka ba solofetswe, ka ga ba nke ba fetsa ditiro jaaka go dumalanwe.
O supile fa ba sale ba solofediwa kokelo le diofisi tsa mapodisi mme le jaana ga ise di goroge, a tlatsa ka gore badiri ba maphata ba ba direlang mo motseng, ga ba na dikoloi tse di ka ba thusang go tsamaisa ditiro.
A re khansele e ne e ba solofeditse go baakanya ditsela tse di fa gare ga motse mme nako kgolo ke eno.
Fa akgela mongwe wa banni, Rre Benson Mokaraga o ne a kopa gore kgaolo nngwe le nngwe e abelwe lefatshe le banana ba tlaa direlang dikgwebo teng.
A re puso e leka go thusa banana ka mananeo a dikgwebo, mme go se motlhofo gore ba ka kgona go akola dithuso tseo ka ntata ya go tlhoka lefatshe le ba direlang mo go lone.
Rre Gabotwesepe Keitumetse ene o kopile gore komiti ya ditlhabololo go re e nne le thulaganyo ya phiro e e tlhomameng, badiri ba yone ba hiriwe jaaka ba ditiro tse dingwe.
O tlhalositse fa komiti e le yone palamente ya motse, e dira ditiro tse di amang banni mo motseng mme ditiro tsa komiti di tlhoka go diriwa ke batho ba ba ka tlhabololang motse.
Banni ba ne ba ngongorega gore ga se balemi barui botlhe ba ba rekisediwang ka ditlhwatlhwa tse di fokoditsweng, mme seo se a ba kokonela.
Kwa Mmaphashalala, banni ba ne ba kopa gore ba tlhalosediwe ka lenaneo la go lemela batho ka paka ya temo e gorogile.
Monni wa motse, Rre Kelebile Mokalake a re ba itshetsa ka temo-thuo, mme ngwaga ono ga ba ise ba tlhomamisediwe gore a ba tla a bona dithuso go tswa kwa pusong.
A re ba kopa gore ba fiwe pego ya gore ngwaga ono ba tlaa thusiwa ka lenaneo lefe ka go buiwa ka le lesha.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Mme Ofentse Sekgwathe a re matlwana a boithomelo a baithuti ga a mo seemong se se siameng, a re seemo se na le lobaka se ntse jalo.
O ne a kopa gore segolo ba agelwe matlwana a mahuti go santse go emetswe gore go baakanngwe matlwana a a dirisang metsi.
O kopile gore bogogi jwa sekole bo agelwe diofisi.
Mme Sekgwathe o tlhalositse fa terata ya sekole le yone e setse e senyegile, dipodi di senya ditlhare tsa sekole.
A re diruiwa di gobeya mo motseng di senya mo malwapeng, a kopa beng ba tsone go re ba dilaole.
Kgosi ya tetlanyo, Kgosi Bakgori Letlole a re ga ba itumelela tshwetso e e tserweng ke ba ba neng ba kgaoganya dikgaolo tsa botlhophi.
A re go boletswe fa Mookane le Mmaphashalala mo ditlhophong tse di tlang, e tla bo e kopanetse kgaolo ya botlhophi ya bokhanselara. A re fa ba ntsha megopolo pele go kgaoganngwa, ga baa ntsha mogopolo wa ga nna jalo jaanong ba hakgamaditswe ke tshwetso eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MOOKANE
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 20 Sep 2023