Mosepele Hiking Club e abela ba-na-le bogole le dikole
20 Sep 2023
Maloko a Mosepele Hiking Club ba galaleditswe mowa wa lerato le kutlwelo botlhoko, bogolo jang mo go thuseng bao ba tshelang ka bogole.
Mokgatlho oo o abile dimpho di akaretsa dikolotsana tse pedi, tshipi e e tshegetsang molwetse, ditilo tsa botlhapelo tse pedi, fa sekole sa Ratsie Setlhako mo Palapye se abetswe P4000 go reka motlhaba le ditena tse di tla feleletsang hoko ya dikoko. Sekole sa Masupe kwa Maunatlala sone se abetswe mochine oo ntsifatsang dipampiri, dipampiri, enke le didirisiwa tse moriti wa tshingwana.
Fa a amogela dimpho tse di neng di abelwa Cheshire foundation, dikole tse di potlana tsa Ratsie Setlhako mo Palapye le sa Masupe kwa Maunatlala, Mogolwane wa Cheshire foundation Botswana Rre Billy Masebola a re mokgatlho wa bone o bereka thata le dikole tse di nang le bana ba ba nang le bogole.
Rre Masebola a re ba-na-le bogole ba tlhoka tlhokomelo e e siameng le ditshwanelo tsa setho.
Modulasetilo wa Mosepele club Rre Rockie Mmutle o supile fa ba kgobokantse madi ka lenaneo la bone la ngwaga le ngwaga la flag hiking le le neng le tshwaretswe kwa Pilikwe ka Moranang.
Maikaelelo a bone ke go tsweledisa Flag hiking mo ngwageng tse tharo ka go latelelana kwa motseng oo.
Rre Mmutle a re mokgatlho wa bone ke wa itshidilo mmele o o senang letseno lepe la madi, a tlhalosa fa ba bona madi mo boithaopong jwa maloko le go kopa dithuso.
Modulasetilo a re mokgatlho wa bone o rotloetsa botsalano, itshidilo mmele le boitekanelo.
Rre Mmutle a re ba kgonne se ka thotloetso le tshwaragano ya bone le moepo wa Morupule le dikhamphani tse dingwe.
Mogolwane wa Morupule Coal Mine Rre Tom Mongale a re ka lenaneo la bone la go thusa setshaba se ba direlang fa go sone, ba bone go le maleba go itshwaraganya le ba Mosepele ka ba ne lemoga fa moono wa bone o tsamaelana le wa bone.
A re ba tlaa tsweledisa leeto la bone le Mosepele hiking club go thusa ba-na-le bogole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : KABO DIMPHO
Date : 20 Sep 2023