Kereke modi wa kagiso-Balopi
19 Sep 2023
Mopalamente wa kgaolo ya Gaborone Bokone Rre Mpho Balopi a re kereke ke modi wa kagiso mo lefatsheng, ka jalo e tshwanetse ya ilelwa ka go sa kopanngwa le sepolotiki.
Mopalamente Balopi o buile se bosheng mo mogwantong wa UCCSA Heritage 10 km Walk wa tshomarelo ditso tsa kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Tsabong.
A re kereke ke modi wa popo ya motho ka e tsenya poifo modimo mo bathong ka jalo e nna segakolodi segolo sa boikarabelo mo setshabeng.
O ne a kopa dikereke go re di seka tsa letlelela sepolotiki go kgotlela kereke.
“Re le mapolotiki re na le go itebala re ikgalaletsa gore re kgonne go tswa ka mananeo a a fentseng mathata, mme re lebala gore Modimo ke ene a dirileng gore re kgone mathata,” a tlhalosa.
O supile fa go ne ga tlhagoga bolwetse jwa COVID-19 bosheng jo ope a neng a sa itse gore bo bakilwe ke eng mme matlho otlhe a ne a leba kwa Modimong ka ele ene a itseng tsotlhe.
Mopalamente Balopi o gateletse botlhokwa jwa go godisetsa bana mo tumelong, a supa gore tiriso ya ditagi e tsere phekelo e sele mo dikoleng.
A re bosheng kwa sekoleng se se golwane sa Ledumang kwa Gaborone go seegetswe fa thoko bana ba le makgolo a a matlhano morago ga go lemogiwa fa bontsi jwa bone ba ne ba inaakantse le ditagi ka go farologana. Ka jalo, a re go botlhokwa go rapela kgatlhanong le dihawa tseo ka di utswa isago ya lefatshe.
O supile fa setlhogo sa mogwanto oo se tsamaelana le moono wa lefatshe wa gore go fetolwe megopolo le dikakanyo, le ka fa go dirwang dilo ka teng.
O gakolotse botlhe go ithuta go aba, go direla ba bangwe bomolemo le go rotloetsa baphuthegi go ntsha ditsabosome mo kerekeng ka di thusa go tsamaisa kereke le go tsisa ditlhabololo mo dikerekeng.
Rre Balopi o ne a abela kereke eo P10 000 morago ga mogwanto.
Mopalamente wa Kgalagadi Borwa Rre Samuel Brooks a re kereke e na le seabe se se golo mo go fetoleng matshelo a batho.
O kopile popagano mo dikerekeng le gore batho ba fetole ka fa ba lebang dilo ka teng.
Moruti wa UCCSA mo Tsabong Rev. Thunga Chimbombi a re mogwanto o ne o dirwa ka fa tlase ga temana ya Baebele mo lokwalong lwa ga Luke 6: 30-31 e e reng ‘Abela mongwe le mongwe yo o go kopang, fa motho a tsere sesa gago mo tlogele fela, direla mong ka wena jaaka o batla go direlwa’.
O tlhalositse fa mogwanto ole botlhokwa ka ba o dirisa go boela maropeng go ikgakologelwa e le kereke le go direla ba bangwe bomolemo. O lebogetse dikereke tse dingwe mo kgaolong go kopanela tiro eo le bone.
Fa a tswa la gagwe, Rre Mock Ntau o ne a kgothatsa botlhe gore ba na le bokgoni jwa go aga kereke ka sepe fela se ba nang le sone e bile a ba gakolola go bala masego a bone le go leboga Modimo ka dinako tsotlhe.
Rre Ntau yo eleng mongwe wa bagwebi ba kgaolo ya Tsabong o ne a supa gore go abela ditiro tsa modimo go tsisa masego.
Mogolwane mo kerekeng eo Mme Maipelo Kesenye o lebogetse botlhe ba ba otlolotseng letsogo go ntsha madi go thusa go aga kereke le go nna karolo ya mogwanto. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Mogwanto
Date : 19 Sep 2023