Breaking News

Dikereke di kopiwa go fetola ditsamaiso dingwe

19 Sep 2023

Modulasetilo wa khansele ya Serowe, Rre Keneilwe Monageng o rotloeditse dikereke go fetola ka fa di ntseng di tsamaisa dilo ka teng, mme di dire dikgwebo go tlhama ditiro.

Rre Monageng o ntshitse thotloetso eo fa a ne a etetse kereke ya Alter of God kwa Serowe ka Tshipi.

O ne  a rotloetsa batho go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng.

O gakolotse gore dikereke le tsone di tshwanetse go atla moono wa go dira ditiro tse di ka tsenyang madi le go thapa batho.

Rre Monageng o rotloeditse go re go dirwe dikgwebo tse di ka direlang dikereke letseno le go ngoka batho go tla kerekeng.

O kgadile go lwela maemo ga baphuthegi, a tlhalosa fa bangwe ba lwela go nna baruti mme  bangwe ba nna makgamu mo kerekeng. 

O boletse fa sepolotiki le sone se kgaoganya maloko a dikereke.

Rre Monageng a re baphuthegi ba tshwanetse go rapelela kagiso le thokgamo mo lefatsheng leno. 

Moruti wa Alter of God King David o rotloeditse maloko a dikereke go fa serite babusi, magosi gammogo le baruti. 

“Tlotlang dikgosi mme le boifeng Modimo,” a bua jalo.

Moruti o boletse fa dikereke di tshwaragane le kgwetlho e tona ya go tlhoka kwa di  agang dikekereke teng, a bolela fa ba lephata la kabo ditsha le ba tshwere ka mometso.

O boletse fa ba sale ba kopile go bewa setsha ka 2016. 

A re fa ba ne ba na le ditsha ba kabo ba itlhabolola ba aga dikgwebo ba thapa batho le kereke e nna le letseno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Tirelo ya kereke

Date : 19 Sep 2023