Breaking News

Pole o roletswe leobo la kgotla

19 Sep 2023

Leobo la kgotla ya Pole kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba le butswe semmuso kgwedi eno e le lesome le botlhano.

Leobo leo, le le simolotsweng go agiwa ka Tlhakole mme la wela ka Motsheganong a le malatsi mane, le agilwe ka P294 63 ka fa tlase ga  Constituency Community Programme.

Fa a bula semmuso leobo leo, mogolwane mo sepodising sa Botswana, gape e le ngwana wa Pole, Senior Superintendent Robson Malomo o ne a gakolola morafe go dirisa leobo leo ka fa tshwanelong.

A re ba le dirise mo dilong tse di ka agang motse le go tshwaraganya morafe. 

Rre Malomo o ne a bua kgatlhanong le go isa dikgang tsa sepolotiki kwa kgotleng.

A re fa polotiki e ka tsena mo kgotleng, e ka kgaoganya morafe e bile gape go ka thatafatsa go laola tsamaiso ya makgotla a Setswana le jone bogosi tota.

O supile fa morafe o tshwanetse go ikutlwa o gololesegile go etela kgotla ka dinako tsotlhe le go bona kamogelo e e siameng.

Rre Malomo a re mafatshe mangwe a na le dintwa tse di sa tlhokafaleng ka ntlha ya go bo a sena ditsamaiso tse di nitameng tsa bogosi le makgotla.

A re kgotla ke lefelo le go rerelwang merero yotlhe e e amanang le ditlhabololo tsa motse ga mmogo le mananeo a puso ka jalo puso e semeletse ka go aga maobo gore merafe e phuthaganele mo go one.

A re mo dingwageng tsa maloba diphuthego tsa kgotsa di ne di tsenela ka fa tlase ga ditlhare, ka jalo puso e tshwanetse ya lebogelwa ditlhabololo di tshwana maobo a dikgotla.

Rre Malomo o tsweletse a supa botlhokwa jwa gore morafe o tlotle kgosi ya one, a tlatsa ka gore  kgosi le yone e tshwanetse go tsaya morafe ka tekatekano.

Fa a amogela baeng, Kgosi Clinic Ketlogetswe wa Pole o ne a supa boitumelo ka lo agaiwa ga leobo mo motseng wa gagwe. 

O ne a akgola Mme Chamada Monamati yo neng a filwe tiro ya go aga leobo leo, a re o dirile tiro ka bokgabane.

Kgosi Ketlogetswe o ne gape a lebogela go goroga ga tsela ya sekonontere kwa Pole. 

Le fa gontse jalo o ne a gakolola bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko mo tseleng eo, ka e santse e dirwa.

Mokwaledi wa makgotla a Setswana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Segopotso Sakwape o ne a itsise banni gore fa dilo di ka tsamaya sentle, motse wa bone o tlaa agelwa diofisi tsa kgotla mo ngwageng wa madi wa 2024/2025. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Pole

Event : Pulo semmuso ya leobo

Date : 19 Sep 2023