Ba boipelego ba kopilwe go tsibogela dikopo
19 Sep 2023
Ofisi ya Boipelelgo kwa Letlhakeng e kopilwe go tsibogela go sekaseka balwetse ka nako fa ngaka e kwaletse molwetse go ja dijo tse di faphegileng, gore molwetse a tokafale ka bonako.
Banni ba supile fa mo mabakeng a ngaka e kwaletseng molwetse go ja dijo tse di faphegileng, kopo e tseya lebaka kwa go ba Boipelelgo.
Ba buile se kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Tshoganetso Leuwe bosheng, go ba lekodisa ka melao e e dumalanyweng le ditshutiso tse a di ntshitseng kwa palamenteng ya mariga.
Rre Teseletso Thuto, o ne a supa gore fa ba ne ba na le bokgoni ba ne ba ka seke ba kope thuso kwa go ba boipelego.
O ne a kopa ba lekgotla la kabo ditsha go isa moalo kwa go ba Botswana Power Corporation fa ba sena go baya ditsha, gore e seka ya re fa banni ba batla go ikwadisetsa motlakase ba bo ba bolelelwa gore ga ba mo mmepeng.
Rre Maikaelo Ditau o ne a kopa ba Lephata la Temothuo go ba sekegela tsebe ka go ba letlelela go kwadisa didiba tsa masimo fa ba kopa lenaneo la LIMID la go rua dihutshane, ka jaana e le tsone tse dintsi mo motseng wa bone.
Rre Ontatlhile Kokoba o ne a kopa gore go dirwe patlo maikutlo ka batho ba ba ratang ka bong.
Fa a a fa dikarabo, mothusa mokwaledi wa khansele Rre Tumelo Segokgo, o ne a supa gore fa molwetse a kopile thuso kwa go ba boipelego o tshwanetse go sekasekwa pele, mme o ka thusiwa fa ba bona gore ga gona se a ka ithusang ka sone.
O supile fa ba le maswabi fa e le gore go na le balwetse ba ba tlhokafalang ba ise ba sekasekwe.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la Temothuo Rre Karabo Tshweneyagae o ne a supa fa didiba tse di letlelelwang go kwadisetsa barui ba dihutshane e le tsa morafe, eseng tsa masimo, a supa fa ba direla se gore go seka ga nna le kgotlhang fa gare ga barui le balemi.
Mogolwane wa Botswana Power Corporation Rre Mosalagae Nkwe, o ne a supa fa ba itse gore motse o golela kae ka jalo batho ba ba batlang go gokela motlakase ba tshwanetse go ikwadisa.
O tlhalositse fa ba kgonne go atolosa motlakase go tsena kwa Sorilatholo ngogola le fa tiro ya teng e ise e wele, mme monongwaga ba tlaa o tsenya kwa Khekhenye.
Mogolwane go tswa kwa Motokwe Land Board Rre Masego Segokgo o ne a ba lekodisa fa ditsha di segwa mo motseng wa bone, a supa mola wa ikopelo ditsha e le makgolo a supa le masome a marataro, mme ba solofetse go sega ditsha di le makgolo a mabedi, masome a robabobedi le bongwe fela.
Mogolwane go tswa kwa kokelwaneng ya Takatokwane Rre Daniel Ramangwegape o ne a kopa bomme ba ba itsholofetseng go ikwadisetsa boimana nako e sale teng, le go ikatumetsa kwa kokelong fa ba le gaufi le go belega ka go na le tlhaelo ya dikoloi.
Mokhanelara wa kgaolo ya Maboane/Ditshegwane Rre Tsabahule Kgotlhang o ne a lebogela banni go tsena diphuthego tsa kgotla, kwa a kaileng ele gone kwa go dirwang merero.
O ne a ba lekodisa gape fa ba lephata la Water Utilities Corporation ba tla a phatlalatsa metsi kwa motseng wa bone mo malatsing a a sa fediseng pelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Maboane
Event : Phuthego
Date : 19 Sep 2023