Breaking News

Sekole sa Tsholofelo Rehabilitation Centre se tlhoka thuso ya madi

12 Sep 2023

Modulasetilo wa Tsholofelo Rehabilitation Centre, Rre Henry Digate o ikuetse mo setshabeng go ba tswa thuso ya go tlamela bana ba sekole seo sa ba-na-le bogole

A re sekole seo ga se dire lepe letseno ka jalo go nna bokete go tlamela bana ba ba tsenang koo.

O buile se bosheng kwa Serowe fa ba dirile mogwanto wa go tsibosa batho ka tlhokomelo ya ba-na-le bogole.

Rre Digate a re sekole sa bone se thusa bana ba ba dingwaga tse pedi go ya kwa go tse lesome le boferabobedi.

A re ba kopa thuso mo setshabeng ka kakaretso go re ba tle ba kgone go thusa bana ba ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe go ya kwa godimo go re fa ba digela dingwaga tsa go tlhokomelwa ke puso ba ba tseye ba ba rute tiro ya diatla gore kamoso ba kgone go ijesa le ba malapa a bone.

O supile fa botsamaise bo eletsa gore sekole se gole go nna sa ithutelo tiro ya diatla ka e bile ba na le lefatshe fela le le tona la go aga matlo a boleng jo bo rileng kwa ba ka rutelang bana tiro ya diatla.

Rre Digate o ne a tswelela a supa gore go na le motsadi mongwe yo o supileng gore o ka ithaopa go ruta bana go suga matlalo.

E rile a ntsha la gagwe mogwanti mogolo yo e leng mo-na-le bogole e bile e le morutabana kwa sekoleng se segolwane mo Serowe sa Ranokanyane, Mme Oratile Tlhagopi a kgothatsa botlhe ba ba tseneng mogwanto.

A re ene ga a tsholwa e le mo-na-le bogole mme o ne  a kubogelwa ke bolwetse ka kgwedi ya Phalane 2020 go fitlhela ba botsogo ba supa gore o tlaa dirisa kolotsana.

O ne a supa fa go ne go se bonolo ka a ne a itse go re ga a na go itirela sepe, mme a felela a amogetse seemo sa gagwe a tlatsa ka go kopa ba-na-le bogole ba bangwe lefatshe ka bophara go tshepa modimo ka dinako tsotlhe. 

Mme Tlhagopi o ile a supa gore go nna mo-na-le bogole ga se phelelo ya botshelo, a ba rotloetsa gore ba seka ba nna fela ba leke go itirela ka diatla.

A re erile ba lemoga gore o tlaa dirisa kolotsana ka lebaka a bo a ithuta tiro ya go tsenya dinala ka gore o kgona go e dira a ntse fa fatshe.

A re o na le tumelo ya gore tsatsi lengwe o tlaa fola.

Mme Tlhagopi o rotloeditse ba-na-le bogole gore ba nne le toro ya botshelo jaaka motho mongwe le mongwe, ba seka ba itlhoboga kana ba ineela mo diemong tse ba leng mo go tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Mogwanto

Date : 12 Sep 2023