Ba Ukhwi ba lelela seromamowa sa Botswana
12 Sep 2023
Banni ba Ukhwi kwa kgaolong ya botlhophi ya Kgalagadi Bokone ba kopile go gokelelwa letshwao la seromamowa sa Botswana.
Ba re go tlhoka letshwao leo, ba felela ba fetwa ke mananeo a puso le dikgang tse dingwe tsa ditlhabololo.
Se, se tlhalositswe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Mpolakang Oatlhotse kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Mme Talita Monnakgotla bosheng.
Rre Oatlhotse o ne a gatelela fa go tlhoka letshwao la seromamowa go sa ba jese diwelang, a re le bana ba sekole ba fetwa ke dithuto tse di gasiwang ka seromamowa.
A re ba tshwara letshwao la seromamowa sa mafatshe a a mabapi jaaka la Namibia.
Mo go tse dingwe tse di amang ditlhabololo, o ne a supa fa ba lebogela lenaneo la ditlhabololo tsa dikgaolo, a re monongwaga ba tlaa agelwa ditsela ka ditena segolo bogolo tse di mo gare ga motse.
A re ditsela tseo, di tlaa thusa go fetola selebego sa motse le go tlhofofatsa mosepele mo motseng go ya kwa mafelong a ka one a nang le seabe mo go godiseng itsholelo ya kgaolo.
O ne gape a lebogela tshwetso e e tserweng ke ba lekgotla le le tsamaisang ditlhopho ka kgaoganyo ya dikgaolo tsa bokhanselara.
A re tshwetso eo, e dirile gore ba ikemele ba ntshiwe mo dikgaolwaneng tsa Zutshwa le Ngwatle a re go tlaa thusa gore ditlhabololo di ba atumele.
O tlhalositse fa mokhanselara a tlaa kgona go itebaganya le matshwenyego a kgaolo eo, ka bonokopila.
Mo puisanyong ya gagwe, Mme Monnakgotla o ne a tlhalosetsa banni fa a tlaa fetisetsa kopo ya bone ya kgokelo ya letshwao la seromamowa kwa go tona wa lephata le le maleba.
O ne a gatelela fa go le boammaaruri ba fetwa ke mananaeo a puso le dithuto tse dingwe tse ka tsone di ka ba thusang go tlhabolola dikitso tsa bone, go ka tokafatsa matshelo a bone a selegae go nna a a itumedisang.
Le fa go le jalo, o ne a gwetlha morafe go tswelela ba dirisa maranyane a a le teng a ditlhaeletsanyo go itse se se diragalang mo lefatsheng ka bophara, gore ba seka ba salela kwa morago ka dikitso.
Mo go tse dingwe, o ne a tlhalosetsa morafe fa bogogi jwa kgaolo bo tsere tshwetso ya gore dithendara tsa kgaolo (Constituency Community Projects), di abelwe dikhamphani tsa mo gae.
Mme Monnakgotla o ne a tlhalosa fa mo nakong e e fetileng, banana ba mo kgaolong ba ne ba tlodisiwa matlho mo ditirong tseo, mme tsa neelwa dikhamphani tse di tswang kwa ntle.
A re dikhamphani dingwe tse di tswang kwa ntle, di ne di sa ntshe ditirelo ka boleng jo bo eletsegang mme morago ba phuaganye ba tsene ka lenga la seloko.
A re fa go dirisiwa dikhamphani tsa mo gae, go tlaa nna motlhofo go ba latedisa fa sengwe se sa tsamae sentle e bile a re go tlaa ba thusa gore ba gole mo ditirong tsa bone mme dikgwebo tsa bone di kgone go bona letseno.
Mo dikgannyeng tse dingwe o ne a itsese morafe fa palamente e fetisitse melao e le lesome le borataro.
A re mengwe ya melao eo, ke wa go itebaganya le dikgang tsa bolwetse jwa tlhaloganyo, le wa go laola theko le thekiso ya nama.
Ka jalo, o ne a gwetlha morafe go ipapana ka dintlha tse di tsamaelanang le melao eo, gore ba seka ba salela kwa morago ka diphetogo dipe tse di ka diragalang.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Olebile Oatlhotse, o ne a supa fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho, mme a gwetlha morafe go ema kgatlhanong le yone gore go nne le ledula mo malwapeng.
Kgosi Oatlhotse o ne a kopa mopalamenete go buisana le tona wa tsa ditsela go sekasekela go tshelwa ga sekontere mo tseleng e e ba gokaganyang le motse wa Hukuntsi.
A re tsela eo, e tlaa thusa go menagane mo go tlhofofatseng mesepele ka jaana bontsi jwa ditlamelo le ditirelo ba di tsaya kwa Hukuntsi.
Mo mafokong a gagwe a malebo, mokhanselara wa kgaolwana ya Zutshwa/Ngwatle/Ukhwi, Rre Onyaditswe Lucas o gwetlhile morafe go bopagana a re seo, se tlaa ba thusa go tsaya ditshwetso tse di maleba mabapi le ditlhabololo tsa motse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mercy Molatole
Location : UKHWI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Sep 2023