Breaking News

Lesea le bonwe le latlhetswe mo tshutheng fa tlase ga tsela

11 Sep 2023

Mapodise a Serowe a mo patlong ya batsadi ba lesea le le setsweng kwa kgotleng ya Sebinanyana go bapa le marekisetso a Saverite mo Serowe.

Superintendent Poloko Oteng o tlhalositse fa banni bangwe ba ne ba feta ka tsela fa ba bona le sea leo le phuthetswe ka borokgwe fa tlase ga tsela, mme ba begela mapodisi.

Mapodisi ba ne ba ragosetsa lesea leo kwa kokelong ya Sekgoma mo Serowe mme ba bongaka ba tlhalosa fa le santse le tsogile sentle.

Rre Oteng o kopile morafe go ba thusa mo patlong ya batsadi ba lesea leo, le le santseng le le ka fa tlhokomelong ya ba bongaka.

O boletse fa tiragalo eo e le ya boraro ngwaga ono mo Serowe, a bolela fa ngogola ba ne ba begelwa ka lesea le le latlhilweng le le lengwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 11 Sep 2023