Tiriso ya ditagi e ile magoletsa kwa Molapowabojang
11 Sep 2023
Batsadi ba kgaolo ya Mmathethe/Molapowabojang ba boletse fa ba tshelela mo letshogong ka banana ba ba inaakantseng le ditagi di tshwana le katse, motokwane le bojalwa.
Ba re baji ba ditagi fa ba sena go di ja, ba nna borai mo matshelong a setshaba ebile ga ba tlotle batsadi gotlhelele.
Bontsi jwa batsadi ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Dr Edwin Dikoloti bosheng, ba lela ka boitshwaro jwa bana ba kgaolo eo jo bo sa nametseng.
Fa ba lekodisa mopalamente yo o neng a le mo kgaolong go ba tlhola, banni ba tlhalositse fa bana ba inaakantse le botlhoka tsebe.
Batsadi ba supile fa ba ngomolwa pelo ke gore le bana ba dikole tse dikgolwane tse di mo metseng ya bone le bone ba setse ba dirisa tagi e e bidiwang katse.
Ba metse ya Digawana, Mmathethe le Molapowabojang ba re ere ka jaana seemo seo se setse se tsere phekelo e sele, metse eo ya bone e lekanwe fela ke go agelwa diofisi tsa sepodisi ka gore jaanong le yone e godile.
Ba supile fa seo se ka thusa go leka go laola le go hema go dirisa ditagi botlhaswa.
Mokhanselara Rre Mokganedi Ramatshogwane wa Molapowabojang Bophirima ene o ne a kopa mopalamente gore a kope puso gore e leke go ba thusa ka masole le ba sepodisi se se haphegileng ka jaana kgaolo eo ya bone e aparetswe ke seru sa bogodu jwa leruo.
“Bogodu jwa leruo segolo jang dikgomo le dihutshane bo setse bo keketse mo ekareng jaanong magodu a ikgatlha ka jone."
O ngongoregile gape ka go leswafatsa tikologo ga banni ba kgaolo eo, a re seemo seo se gakadiwa le ke khansele ka go tlhoka go tsaya matlakala mo malwapeng.
Mopalamente o kopile setshaba go tshwaragana mo maitekong a go lwantsha botlhoka tsebe jwa bana.
Rre Dikoloti a re tharabololo e mo morafeng ka gore magodu ao fa ba sena go senya, setshaba ke sone se nnang baji-bareki ba dithoto tseo, selo se se ba rotloetsang go tswelela ba senya.
O ba kopile gore ba emise go bipa mpa ka mabele ka gore bothata jwa ditagi bo aparetse motsadi mongwe le mongwe.
Tona o kopile setshaba gore puso e simolodisitse lephata la bogodu jwa leruo mme tsholofelo e le gore bogodu bo tlaa teba. Ends
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : MOLAPOWABOJANG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Sep 2023