Breaking News

Mabeleapudi o tlaa nna kgaolwana ya bokhanselara

11 Sep 2023

Banni ba Mabeleapodi kwa kgaolong ya Serowe Bokone ba amogetse tshwetso ya gore motse wa bone o nne kgaolwana ya bokhanselara.

Motse oo o ntse o patagane le wa Paje go dira kgaolwana e le nngwe.

Banni ba Mabeleapodi ba ntshitse maikutlo a bone mo phuthegong ya kgotla ee neng e biditswe ke lekgotla le le ikemetseng ka nosi la tsamaiso ditlhopho la IEC bosheng.

Ba ne ba supa gape fa ba itumeletse gore mafelo a matlhophelo a okeditswe go nna mararo gona le lengwe jaaka gontse gontse. 

Mongwe wa baitseanape ba lefatshe kwa lekgotlaneng la kabo ditsha la Paje, Mme Nonofo Modumedi, o boleletse morafe fa lekoko le le neng le sekaseka melelwane ya dikgaolo le feditse tiro mme jaanong batlhophi ba itsisiwe gore dikgaolwana tsa bone di kgaogantswe jang ga mmogo le mafelo a matlhophelo.

O boletse fa ba dirile melelwane eo morago ga therisano le morafe, mme ba bona gore kgaolwana ya bone e e neng e bidiwa Patikwane e fetole leina go bidiwa Mabeleapodi.

Mme Modumedi o boletse fa matlhophelo a Mabelepodi e tlaa bo e le sekole se sebotlana sa Mabeleapudi, kgotla ya Kgala le kokelwana kwa masimong a Taukome.

O tlhalositse fa masimo a Shashane le Raboswane one a isitswe kwa kgaolwaneng ya Tshimoyapula.

Mogolwane wa lekgotla la IEC kwa Serowe, Rre Selelo Gabonthone, o rotloeditse batlhophi ba Mabeleapodi go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo fa ikwadiso e bulelwa. 

O ba rotloediste go itse melelwane ya bone e bile ba seka ba tsiediwa ke mapolotiki mangwe ka go ba gogela kwa dikgaolong tsa bone.

Kgosi Sebonego Tebelelo o ne a ngongoregela go tsena diphuthego ka boutsana ga morafe, a bolela fa dikgang tsa ditlhopho di le masisi thata mme di batla batlhophi ba itse ka tsone.

Kgosi Tebelelo o boletse fa ditlhabololo di simolola kwa kgotleng mme morafe o tshwanetse go nna le seabe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MABELEAPODI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Sep 2023