FMK e thusa sekole sa Tsetsebjwe
11 Sep 2023
Mothusa tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Mme Nnaniki Makwinja o akgoletse Francisco Malesela Kgoboko (FMK) Trust le komiti ya batsadi le barutabana ya sekole se segolwane sa Tsetsebjwe go bo ba thusitse sekole ka matlwana a borutelo.
Mme Makwinja o buile se fa a rola semmuso matlo a borutelo kwa sekoleng seo kwa Tsetsebjwe bosheng.
Ba FMK Trust le komiti ya batsadi le barutabana ba ne ba tsaya matsapa go ntshafatsa ntlwana (porta cabin) go dira matlo a borutelo a mabedi ka jaana sekole seo se na le tlhaelo mme se se raya gore seemo seo e tlaa nna sa maloba.
Sekole seo, se se nang le baithuti ba feta makgolo a marataro, se ntse se goga bokete ka tlhaelo ya matlo a borutelo mo dithuto tse dingwe di neng di rutelwa kwa ntle kana mo matlong a borutelo a maranyane.
Tona Makwinja o boletse fa a lebogela gore bobedi joo bo ne jwa kopa go baakanya ntlwana e e saleng e nna e sa bereke dingwaga tse di lesome tse di fetileng.
A re maiteko ao a iteelwa letsogo ke puso ka e rotloetsa thata tshwaragano ya dikomiti tsa batsadi le barutabana ga mmogo le ba-na-le seabe ba bangwe go thusa go tlhabolola mhama wa thuto.
A re lephata la gagwe le ikaelela go fetola thuto go nna e e tseelang kwa godimo ithutuntsho ya ditiro tsa diatla, a tlhalosa fa baithuti ba filwe ditalente le bokgoni ka go farologana.
O boletse fa puso e ikaelela go fetola dikole tsa diatla go di dira tsa maemo a a kwa godimo tse di tlaa thusang puso go baakanya dikago le tse dingwe.
O ne a tswelela a leboga barutabana go bo ba tsweletse ka go dira tiro ya bone ntswa go na le dikgwetlho tsa tlhaelo ya matlo a borutelo le tse dingwe.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Phillip Tlou o ne a tlhalosa fa tlhaelo ya matlo a borutelo e bakilwe ke dipalo tse di oketsegileng tsa baithuti bogolo jang ka sekole seo se amogela baithuti ba ba nnang mo sekoleng.
Rre Tlou o lebogetse thuso ya ba FMK Trust ka go tshwaraganela tiro eo le bone mme e sa thusa fela ka madi mme ka megopolo le dikitso, a tlatsa ka gore thuto e nna e e netameng fa matshego a mararo e bong barutabana, batsadi le ba-na-le-seabe ba tshwaraganetse thuto ya bana.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Felicia Makula le ene o ne iteela kobo moroko ka go leboga komiti ya batsadi le barutabana ga mmogo le ba-na-le-seabe ba ba tsweletseng ka go ema ba nokeng.
A re tlhaelo ya matlo a borutelo, kgaogo ya metsi le motlakase ga mmogo le didirisiwa ke dingwe tsa dikgwetlho tse di ntseng di apesite sekolo seo kobo ka letshoba.
A re o tlaa dira gotlhe go fetola maduo a sekole seo go nna a a eletsegang.
Modulasetilo wa FMK Trust, Rre Francisco Kgoboko o boletse fa mokgatlho wa gagwe o rotloetsa thuto.
A re matlwana a borutelo a a roletsweng sekole a tlaa thusa go tlhabolola thuto le go neela bana nonofo le thotloetso ya go tlhoafalela thuto .
O lebogetse komiti ga mmogo le ba sekole sa diatla sa Tsetsebjwe go bo ba ile ba tshwaraganela tiro e le mokgatlho wa FMK Trust.
O ne a rotloetsa ba-na-le seabe ba bangwe go tsenya letsogo go thusa puso go tlhabolola thuto mo lefatsheng leno.
A re sekole se ga se santlha se thusiwa ke mokgatlho wa gagwe mme a setse a thusitse dikole ka go farologana mo kgaolong ya Bobirwa ka didirisiwa tsa thuto. Ends
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : TSETSEJWE
Event : PULO SEMMUSO YA MATLO A BORUTELO
Date : 11 Sep 2023