Breaking News

Seabe sa baruti se a bonala-Ramodikwana

11 Sep 2023

Lekgotla la baruti mo Kgaolong ya Tsabong le kgothaditse batsadi le barutabana go tshwaragana le ba-na-le seabe botlhe go kgalemela bana kgatlhanong le tiriso ya ditagi tse di setseng di jweleletse mo dikoleng ka go farologana ka seo se ka felela se ba senyeditse bokamoso. 

Kgothatso e, e dirilwe ke Archbishop Phuthego Mereyabone mo dithuto-puisanyong tse di neng di rulagantswe kwa motseng wa Khuis bosheng.

 Maikaelelo a tsone e ne e le go buisana le batsadi, barutabana le maphata otlhe a a amegang go tswa ka ditharabololo tse di ka fetolang boitshwaro jwa bana mo dikoleng go emisa mokgwa wa tiriso ya ditagi. 

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, Archbishop Mereyabone o ne a tlhalosa fa tiriso ya ditagi mo dikoleng e ba tshwentse thata ebile e ba gwetlhile go ema ka dinao go tsamaya le kgaolo ba buisanya le batsadi le botlhe ba ba amegang mo kgodisong, go bopa le go aga bana go ba tsenya mo tseleng ya go nna le boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng.

O boletse fa go lemosegile fa bana bangwe ba setse ba inaakantse le ditagi mme se se botlhoko maduo a tsone e le go ba senyetsa bokamoso le gore bangwe ba felela ba latlhegelwa ke matshelo ka lebaka la tsone. 

Archbishop o ne a tswelela ka go tlhalosa fa gape maikaelelo e ne le go tla go buisana le bomaitsanape, maphata a a farologanyeng le dikgosi go tswa ka ditharabololo le dikgakololo tse di maleba tse di ka fedisang matshwenyego a ditagi mo baneng ba dikole, banana le setshaba ka kakaretso. 

O ne a supa fa nako e gorogile ya gore ba emise go supana ka menwana mme ba tshwaragane le go bopagana go godisa bana ba ikaegeile ka lefoko la Modimo 

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Setlamaruping Moseki wa Middlepits o ne a gakolola ba-na-le-seabe botlhe go dirisa thata lenaneo la ga Tautona Dr Mogweetsi Masisi la ‘A re Chencheng’ ka go fetola megopolo, ditlhaloganyo le boitshwaro le gone go tsaya boikarabelo.

Kgosi Moseki o boletse fa nako e gorogile ya gore ba bule matlho ka go tsibogela borukutlhi jo bo diragalang kwa dikoleng jwa ditagi tse di akaretsang motokwane le Cat (Katse) le tse dingwe ka mo nakong eno go setse go tlhokafetse ngwana go tswa mo sekoleng se segolwane mo motseng oo ka lebaka la ditagi. 

O ne a supa fa e le dikgosi ba sa jesiwe diwelang ke majalwa a a titielwang mo malwapeng a a sa letlelesegeng ka malwapa mangwe a fetolwa go nna dipoto kwa ba felelang ba rekisetsa bana ditagi teng le gore tsotlhe tse di maswe di diragala teng, a supa fa molao o ba letla go ntsha setlankana sa khadi le bojalwa jwa Setswana fela. 

Kgosi Moseki o ne a supa fa ditlamorago tsa ditagi e le tse di sa amogelesegeng kwa dikoleng ka le maduo a dithuto a felela a wela tlase mme a tlatsa gape ka go supa batsadi go itlhokomolosa tlhokomelo ya bana ba bone le go nna le seabe ka ba neela bana madi ba re ba supa lorato mme bone ba felele ba a dirisa go reka ditagi.  

O ne a phophotha legetla lekgotla la baruti ka dikgato tse ba di tsereng tsa go simolodisa dithuto-puisano tse, tsholofelo e le gore phetogo e tlaa nna teng mo go thibeleng tiriso ya ditagi.

Mogolwane wa Lephata la Thuto, Mme Tebogo Ramodikwana, o ne a supa fa tiriso ya ditagi e ile magoletsa mo dikoleng tse dikgolwane le tse di potlana mo kgaolong eo, bogolo jang mo sekoleng sa Tsabong Unified Secondary School (TUSS). 

Mme Ramodikwana o boletse fa mo ngwageng ono mo setlheng sa ntlha, ba setse ba gatisitse dikgang di le masome a matlhano le bongwe tsa bana ba ba dirisang ditagi le tse di masome a marataro le boferabobedi  ba ba gogang motsoko mo sekoleng sa TUSS, se di goga kwa pele mme palo e e kwa godimo e le ya basimanyana go na le basetsanyana. 

Mogolwane o boletse fa ba tshwaraganye le barutabana, mapodisi le ba boipelego go rarabolola dikgang tse le tse dingwe tsa boimana le go tlogela sekole gareng ga tse dingwe, a supile fa go nna le seabe ga baruti go tla a tsisa pharologanyo. 

Mme Ramodikwana o boletse fa go na le barutabana ba ba rutetsweng tshidilo maikutlo mo dikoleng morago ga gore ditshekatsheko di supe fa bana bangwe ba dira dilo dingwe tsa botlhoka tsebe ka mabaka a a farologanyeng a botshelo le gone go tlhoka tlhokomelesego le kgodiso e e siameng go tswa mo malwapeng a a farologanyeng selo se se felang se dira gore bana bangwe ba gatelelwe ke maikutlo. 

A re mangwe a maiteko a a dirwang ke ba Lephata la Thuto ke go tshwara dipuisanyo ka dikgwetlho tse bana ba kopanang le tsone tse di ba kgoreletseng mo dithutong, ba phuthologile ba ntsha maikutlo a bone. 

Mangwe a maiteko ao a akaretsa Bootcamp le tshidilo maikutlo ya bana ba lokwalo lwa mophato wa boraro, bone le botlhano.

O ne gape a kgala batsadi ba ba itlhokomolosang go kgalemela bana mme ba baya morwalo otlhe fela mo barutabaneng ka bangwe ba sa iphe nako go etela dikole go itse ka tiro ya bana ya sekole ka seo se ka thusa mo tokofatsong ya maduo. 

Fa a tswa la gagwe, Moruti Thuna Chimbombi wa kereke ya UCCSA, o ne a supa fa botshabelo e le fela kwa Modimong ka Modimo e le one o o ka re kaelang tsela go tswa ka ditharabololo tsa go busetsa bana mo tseleng. 

Moruti Chimbombi o ne a supa fa go le mo maruding a batsadi go gogela bana kwa dikerekeng ka seo se ka thusa mo diphetogong le gone go itharabologelwa go tsalwa setsha.

Mangwe a maphata a a nnileng le seabe le go tswa ka dikgakololo mo dithuto-puisanyong tseo a akaretsa mapodisi, ba boipelego, ba Lephata la Dikgolegelo, baruti, dikgosi le ba lekgotla la Botswana Substance Abuse Support Network . Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Khuis

Event : Thuto-puisanyo

Date : 11 Sep 2023