Tshwaragano le neelano konokono
10 Sep 2023
Makhanselara le bogogi jwa khansele ya Mogoditshane/Thamaga ba rotloeditswe go tshwaraganela go aga le go tlhabolola kgaolo ya bone.
Se se builwe ke modulasetilo wa khansele eo, Rre Ofentse Mafoko, kwa bokopanong jwa bone jwa go ithuna dinta bosheng.
Rre Mafoko a re maikaelelo a bokopano joo e ne e le gore ba itshekatsheke le go dira maitlamo le sekano sa khansele eo ba se kwa diofising.
Modulasetilo a re phuthego eo, e ba file sebaka sa go buisanya ka fa ba ka tsamaisang khansele ya bone ka teng ba tshwaragane.
Rre Mafoko a re bokopano jo bo tlaa ba thusa go tswala diphatlha tse di ntseng di le teng le go ikaga gore ba ise khansele ya bone kwa pele.
A re sebaka se se tlaa thusa makhanselara gore ba bereke botoka le bodiredi ba phuthologile.
Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Mogoditshane /Thamaga, Rre Losika Mosarwa, ene a re gore ba kgone go aga le go tsamaisa khansele sentle, go tlhoka tirisano mmogo le neelano.
Rre Mosarwa a re motho a le mongwe o kgona go paledisa setlhopha fa a sa goge le ba bangwe sentle.
O ne gape a ba kgothatsa gore ba ba itse makoa a bone le ba bangwe gore ba kgone go bereka mmogo sentle ba sa kubetsane ka gore go dira jalo go busetsa tiro kwa morago.
Rre Mosarwa o boletse fa ba ne ba etela lefelo la SOS kwa Serowe go lekola bana ba bone ba ba nnang koo ,a tlhalosa gore lefelo le le na le bana ba le masome a marataro mme ba Mogoditshane ba le lesome le bongwe. BOkhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 10 Sep 2023