Breaking News

Mananeo a puso a ka tshetsa setshaba - Monnakgotla

10 Sep 2023

Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla, o rotloeditse banana kwa Kgomodiatshaba go tlhabolola matshelo a bone ka mananeo a puso.

 O boletse mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa motseng oo bosheng gore mananeo a a akaretsang la Ipelegeng le la Youth Development Fund a mosola fela thata.

“Ipelegeng e e tlhabolotsweng e rotloetsa thata go dira ka diatla ga banana ba rona mme e re morago fa ba sena go aloga ba abelwe ditlankana go ya ka bokgoni jwa bone jaaka go aga, go dira ka motlakase le tse dingwe.

Ka jalo ke rotloetsa banana ba motse wa Kgomodiatshaba go ikgolaganya le mmaboipelego go itse thata ka lenaneo le,”ga bua jalo mothusa tona.

A re molao wa citizen economic empowerment le wa public procurement e diretswe gore Batswana ba tseye karolo mo itsholelong , ka jalo a rotloetsa morafe go ikemela ka dinao.

Mme Monnakgotla a re lephata la gagwe le tlaa tlhomamisa gore mananeo le ditirelo tsa puso di bonwa sentle ke banni ba metse e e kgakala le ditlamelo jaaka Kgomodiatshaba.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore morafe o rotloetsege go dirisa mananeo a a diretsweng go tlhabolola motse ka lenaneo la tengnyanateng la RADP.

Rre Molokwe o supile fa baeteledipele ba lemogile dikgwetlho tsa morafe mo go tsamaiseng mananeo a RADP mme a rotloetsa badirela puso go thusa morafe go dira kgwebo.

“Fa go na le ikopelo ya puso ya gore morafe o ntshe ditirelo dingwe, le lona le nne le tshiamelo ya go iteka lesego ka go tsenya ikopelo gore le lona le kgone go oketsa letseno. A re ithotloetseng go itirela ka diatla gore re fokotse go babalelwa thata ke manokonoko a kwelo tlase ya itsholelo,” a bua jalo.

Mokhanselara wa kgaolo, Mme Goleba Moji, ene o ne a rotloetsa mothusa tona go tla ka lenaneo le le diretsweng go rutuntsha banana ba ba setseng ba filwe mananeo ke puso ka botlhokwa jwa go somarela dikgwebo tse ba setseng ba le mo go tsone le go netefatsa gore ga di phutlhame.

O ne a kopa gore ditiro tsa khansele tsa dikago tse di dirwang mo motseng di neelwe morafe wa Kgomodiatshaba go na le batho ba ba tswang kwa ntle ga motse.

Mokhanselara o kopile gore tsela ya Dikgonnye-Kgomodiatshaba e tshelwe sekonotere gore banni ba kgone go dira dikgwebo tse di ka tlhamelang ba bangwe ditiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : Kgomodiatshaba

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Sep 2023