Banni ba re lephata la kabo ditsha le fetogetse mogopolo
10 Sep 2023
Banni ba Magapatona le Madikwe mo Tutume ba ikuetse mo go Mopalamente wa Nkange Dr Never Tshabang ka lephata la kabo ditsha la kgaolo eo go bo le fetogetse mogopolo wa gore go tlaa thijwa diphatlha tse di fa gare ga malwapa.
Ba ntshitse matshwenyego a bone kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente bosheng.
Ba re baikopedi ba bewa kwa mafelong a a senang ditlamelo.
Banni ba, ba ntshitse ngongorego gape ka metsi a ba a nwang a letamo la Ntimbale, ba re a letswai ebile ga a sa tlhole a le monate.
Ba kopile go gokelelwa mesele ya kgopho ya metsi a a leswe mo malwapeng ba re fa e sale ba tshepisiwa gore legato la bobedi la thulaganyo eo le tlaa dirwa nako kgolo ke eno.
Rre Gadzani Badumile ene o ne a kgala a menne phatla badirelapuso ba kgaolo ya Tutume.
A re ba ganelela kwa diofising fela ga ba tswele kwa ntle go tlhalosetsa batho ka ditirelo tsa bone.
A re ba bonala fa ba patile mopalamente fela.
Mo go tse dingwe banni ba re ga ba jesiwe di welang ke kgang ya batho ba ba ratanang ba bong bo le bongwe.
Kgosi Royal Nkomeni wa Madikwe a re kgang eo ya batho ba go nna jalo ga e mo robatse e bile tiro e ba e dirang ke botlhodi jwa nta ya tlhogo.
Kgosi a re fa a ka bo a na le dithata o ne a ka seke a letle batho ba go nna jalo mo kgotleng ya gagwe, a gatelela ka gore le mo Baebeleng ga gona lekwalo le le buang ka kgang eo.
O ile a re le fa gotwe ke diphetogo, go lebega fa lefatshe le ya bokhutlong ka go boletswe gore ka motlha wa bofelo go tlaa diragala tse di sa tlwaelesegang ka tlholego.
Monni wa Magapatona, Rre Mfumi Lulu le ene o ne a bua a sa kgale mathe ka kgang eo, a bolela fa maAfrika ba na le mokgwa wa go kopa dilo tse di sa siamang.
Fa Kgosi Nkomeni ene a ne a kgala tsamaiso e e letlelelang badira melato go letela tsheko ba le kwa ntle.
A re bontsi jwa batho ba go nna jalo ba felela ba tsweletse ka mokgwa wa bone wa tshenyo.
Fa a ba lekodisa ka tsa palamente e e sa tswang go wela, Dr Tshabang o ne a bolela fa palamente e fetisitse melao e mesha e le lesome le borataro e e neng e beilwe palamente pele.
O boletse fa ditsetla dingwe tsa molao wa letsomo le wa go tshwara ditlhapi di baakantswe go fa ba lephata la diphologolo dithata tsa go tshwara le go sekisa bao ba ba tlaa tsomang diphologolo le go tshwara ditlhapi ba sena diteseletso kana ba dira jalo ka nako e letsomo le go tshwara ditlhapi di emisitsweng.
Dr Tshabang o ne a bolela fa a tsamaya a tlhalosetsa batho ba kgaolo ya gagwe ka melao eo gore ba kgone go e tlhaloganya gore e re ba ba tlaa tlolang molao ba neelwa kotlhao ba bo ba na le kitso ka molao.
Mogolwane kwa khamphani ya Water Utilities Corporation (WUC), Rre Senatla Oneile a re ba ntse ba sa lemoge fa metsi a Ntimbale a dule mo tatsong ya one.
A re ba tlaa leka go batlisisa bothata joo.
A re thulaganyo ya go phatlalatsa kgopo ya metsi a a leswe e santse e emisitswe ke letlhoko la madi.
Mopalamente Tshabang a re puso e lebile mo bodireding jwa yone go rekisa mananeo a yone le go bona gore ditlamelo di goroga kwa setshabeng ka nako.
Ka jalo o kopile badirela puso go ititaya ka thupana go bona gore ba lekodisa banni ka ditirelo tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Sep 2023