Breaking News

Lebogelang tse dintle-Dikoloti

10 Sep 2023

 Tona wa Botsogo e bile ele Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, Dr Edwin Dikoloti o gakolotse banni ba kgaolo ya gagwe gore go botlhokwa gore ba itlwaetse go ne ba lebogela tiro tse dintle tse puso edi ba direlang.

  A re ere le ntswa puso e sena madi ago dira ditiro ka bontsi tse morafe o di batlang, go na le dingwe tse di setseng di dirilwe.

O buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa Digawana bosheng.

Dr Dikoloti a re Digawana ke mengwe ya metse ee lesego ka jaana o agetswe kokelo ee thusang setshaba esa tswalwe.

O tsweletse ka gore e tla a re mo bogaufing ofise ya Kgosi e tla a tsenngwa difetlha-serame. A re metse ya kgaolo ya gagwe yotlhe oe abetse dibala-makgolo.

O gakolotse gape gore ba tshwanetse go itse gore ba lesego ka ele bone hela kgaolo ee tsereng tshwetso ya gore madi a tlhabololo dikgaolo, a dirisiwe go firela bana barutuntshi gore seemo sa thuto ya bone se kgone go tokafala.

 Mo go tse dingwe o tlhalositse fa kgaolo eo e kgaogantswe mme bontlha bongwe jwa yone bo tlaa wela ka fa kgaolong ya Morolong morago ga ditlhopo tsa setshaba.

 Kgosi ya Digawana Kgosi Kefitlhile Kgwakgwe o boleletse Mopalamente Dikoloti gore tsela ya Goodhope-Kgoro-Gathwane ga e ba tshedise sentle ka jaana ba e dirisa bobe ka ba tsaa ditlamelo kwa  Good Hope.

O ne  gape a ngongorega ka bogodu jwa leruo jo a reng bo ile magoletsa mme a kopa Mopalamente  gore puso e simolole go sireletsa leruo jaaka go sirelediwa diphologolo tsa naga. Se a re se bakawa ke gore kgomo ke yone e motswana a itshetsang ka yone

Fa atswa la gagwe modulasetilo wa khansele e ntsha go tlhamiwa Rre Fanki Motsaathebe o boleletse banni ba Digawana gore tsela eo ea reng e gokaganya kgaolo, e tlaa tshelwa pele ga ngwaga ono o fela.

O tlhalositse gore tiro eo e O gakolotse gore le fa khansele e bitswa Good Hope district council, e tlaabo e isa ditirelo kwa Batswaneng botlhe segolo jang dikgaolo tsa Morolong le Gangwaketse tse di welang ka fa tlase ga yone.

 

A  khansele eo e itlamile go netefatsa gore ba kgaoganya metse yotlhe ya kgaolo ditlhabololo ka tekatekanyo.

O supile fa sekolo se se botlana sa Digawana se tlaa baakanngwa mme a re paakanyo eo e kopa madi aa fetang sedikadike sa dipula.

Tona Dikoloti one a abela banni dikobo le peo ya ditapole gore ba itemele mo malwapeng, a re o eletsa gore ba simolole go fetola kafa ba dirang dilo ka teng fela jaaka Tautona a tlhalosa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Digawana

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Sep 2023