Dikereke di kopiwa go nonotsha banana
07 Sep 2023
Makgotla a sedumedi a gwetlhilwe go tshwaraganela go bopa monana yo o nang le boikarabelo e bile a ikaegile ka tumelo go fenya dikgwetlho tsa selefatshe.
Motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Hukuntsi Rre Lesang Leloba, o buile se ka letsatsi la go simolodisa kgwedi ya merapelo kwa Ncang bosheng.
Rre Leloba are lefatshe le apesitswe kobo ka letshoba ke dikgwetlho di tshwana HIV/AIDS, malwetsi a sa tshelanweng, kgokgontsho ya bong, dikotsi, le tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi.
O ne a supa fa dikgwetlho tse, di ama banana thata, ka jalo a gwetlha dikereke go tsenya letsogo go bopa banana, are seo, se tla ba thusa go nonofa mo tumelong mme ba kgone go rotloetsa ba bangwe go leka go tla ka ditharabololo tsa dikgwetlho tse ba tshelelang mo go tsone.
Rre Leloba are makgotla a sedumedi a na le tatedi e ntsi ka jalo tumelo e ka thusa mo go ageng batho, malwapa, morafe le setshaba ka go lwantsha dikgwetlho tse di apereng lefatshe.
Are tumelo e rotloetsa lerato le ledula, ka jalo, goromenete o dumela fa makgotla a sedumedi a ka thusa go boloka setshaba mo diemong tse di sa iketlang.
O ne a tlatsa ka go supa fa tshaba ya lefatshe leno, e ikaegile ka thapelo, mme a ba gwetlha go tsweledisa mowa oo, gore lefatshe le tle le robalelwa ke ditlhokwa.
Le fa go le jalo, Rre Leloba are go tiisa thapelo go tshwanetse ga patwa ke maiteko a batho ka bongwe ka bongwe go fetola maitsholo.
Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, mogolwane wa lekana le le gokaganyang ditlamelo le ditirelo tsa mogare wa HIV le AIDS, Mme Neo Mpofu, o ne a tlhalosa fa puso e ne ya tsaya tshwetso ya go thusa go aga boitsholo jwa setshaba ka go simolodisa merapelo kgatlhanong le dihawa tse di gomagometsang go nyeletsa sika loo motho.
O ne a gwetlha badumedi go gagamatsa ka thapelo le go dirisa mananeo a thibelo aa le teng gore lefatshe le kgone go robalelwa ke ditlhokwa.
Mogolwane go tswa kwa DAC Mme Keodiretse Seretse, o ne a tlhalosa fa seemo sa mogare mo kgaolong se santse se tlhobaetsa ka jaana ba santse ba itemogela dipalo tse disha tsa mogare wa HIV/AIDS le mororo go na le manananeo a phatladitsweng a thibelo.
O ne a supa fa mo lenaneong la diritibatsi balwetsi ba le 2 732 mme mo go bone, ba le barataro ba sa di nwe ka thulaganyo, fa ba le masome a mararo le borataro mogare o sa ritibale ka ntlha ya go sa di nwe ka thulaganyo ka bangwe ba di kopanya le nnotagi.
Are go ne ga gatisiwa dintsho di le nne fela, mme a gwetlha bao, ba mo diritibatsing go obamela dikgakololo tsa ba botsogo.
Are mo lenaneong la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng, go santse go nametsa ka jaana, ba ne ba kwadisa bomme ba ba itsholofetseng ba le 104, mme ba tlhatlhoba ba le 74, ba le 16 ba ne ba tshwarwa ka mogare mme ka lesego ga gona ngwana yo o neng a tsholwa ka one.
Are mo lenaneong la tlhokomelo balwetsi kwa malwapeng ba na le borre ba le 23 fa bomme ba le 74 mme ba le 21 ba tshela ka mogare, mme ka maswabi ba ne ba latlhegelwa ke ba le ba le bane.
Mme Seretse o ne tlatsa ka gore go na le kokelwana ya banana mme ba gatisitse dipalo di le 13, e le bao ba neng ba itlhatlhobela mogare mme ba seka ba tshwara ka one.
Are le fa go le jalo, ba le bane ba tshwarwa ka malwetsi a tlhakanelo dikobo, ka jalo a gatelela botlhokwa jwa tiriso ya dikausu.
O boletse fa ba dirile maiteko a gore dikausu di phatlaladiwe mo mafelong go ralala kgaolo.
Mo go tse dingwe, o ne a tlhalosa fa ba sa jesiwe diwelang ke dikgang tsa boimana jwa bana ba ba kwa tlase ka dingwaga a re ba gatisitse dikgetsi di le 12.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Kemoneilwe Seipone, o ne a gatelela fa malwetsi a tsere phekelo e sele mo lefatsheng leno, mme a re puso e itlhomile kwa pele ka go leka go babalela matshelo a setshaba.
Ka jalo, o ne a gwetlha setshaba go itshekatsheka ka bongwe go leka go ema puso nokeng go fedisa kanamo ya malwetsi ka go fetola maitsholo.
Letsatsi leo, le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Monana yo o rapelang: tsela ya botsogo jo bontle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : NCAANG
Event : Tshimolodisa kgwedi ya merapelo
Date : 07 Sep 2023