Breaking News

Lesea le ole mo Koloing

07 Sep 2023

Mapodisi a Palapye Central a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone lesea la ngwaga le dikgwedi tse pedi le neng la tlhokafala morago ga go wa mo koloing.

Go ya ka mogolwane wa mapodisi a Palapye Central, Superintendent Moses Serojane tiragalo e, e diragaletse kwa Lecheng ka Labotlhano.

Supt. Serojane o tlhalositse fa ngwana yoo, a ne a pegilwe ke rraagwemogolo mo koloing ba ya masimo, mme ka go tlhoka lesego a wela fa thoko ga tsela.

Supt. Serojane a re ngwana o ne a ragosediwa kwa kokelong kwa ba bongaka ba fetileng ba rurifatsa fa a tlhokafetse.

O boletse fa ditlhotlhomiso di tsweletse go bona se se bakileng kotsi e e masisi eo. O tlhalositse fa ba letetse maduo a tlhatlhobo ya serepa go bona se se bakileng leso la lesea leo.

Mo kgannyeng e nngwe gone kwa Lecheng, Supt. Serojane a re ba tshegeditse borre ba le bararo ba dingwaga tse di masome mabedi le botlhano, le masome mabedi le bofera bongwe le masome mararo le botlhano mabapi le go thubiwa ga marekisetso. Borre bao ba babelaelwa  ba utswile  mabotlolo a di gase a madi a kanang ka P8 360 bosheng.

Go bolelwa fa ba ne ba ipoeletsa ba tsaya mabotlolo a digase tsa P9 920.

Supt. Serojane a re ba ne ba tshwara monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano wa kgotla ya Boikago mo Palapye, yo o feletseng a ntsha ba bangwe ba babedi le bone e le ba Palapye.

A re ba ne ba ba tlhotlhomisa go fitlhelela babelaelwa ba ba bontsha kwa ba neng ba di fitlhile teng kwa extension 10 mo Palapye, kwa ba fitlhetseng mabotlolo a di gase a le masome a mararo le borataro.

Supt. Serojane o ikuetse mo bagwebing ba kgaolo ya gagwe go sireletsa madirelo a bone ka nako tsotlhe. Ends

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng.

Location : PALAPYE

Event : potsoloso

Date : 07 Sep 2023