Breaking News

Leeto le atolosa botsalano

07 Sep 2023

Tona wa mafatshe a sele, Dr Lemogang Kwape a re leeto la ga Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi kwa Australia le tla ungwela Botswana ka jaana le atolosa botsalano jwa Botswana le Australia.

E re ka jaana Tautona Masisi a etetse mo Australia e le lantlha, go nnile botlhokwa gore a kopane le moeteledipele mogolo wa lefatshe leo kwa toropo kgolo ya Canberra, Governor General David Hurley go dumedisa le go buisana ka dikgang tse di amang mafatshe a Botswana le Australia.

A re go a nametsa gore lefatshe la Botswana le bo le tsweletse ka go atolosa moalo wa lone le mafatshe a tshwana le Australia, a a tseelwang kwa godimo, go ithuta le go abelana megopolo mo go tse di amang mafatshe oo mabedi.

O boletse gore Australia le Botswana ke mafatshe a tswang kgakala a dirisana, mme go le botlhokwa gore botsalano jo bo  nosediwe.

Tona Kwape are go tsena phuthego kgolo ya bagwebi le baitsaanape ba tsa meepo ya Africa Down Under go botlhokwa fela thata, ka jaana lefatshe la Botswana e le lengwe la a tseelwang kwa godimo mo ditswammung.

A re mo Afrika, Botswana o itlhomile kwa pele, mme mo lefatsheng ka bophara, Botswana ke lefatshe la bo lesome mo go direng sentle mo go tsa meepo go ya ka lekalana le le dirang dipatlisiso ka dikgwebo tse di sireletsegileng tsa meepo la Fraser Institute.

“Go botlhokwa gore lefatshe ka bophara le lemoge botlhokwa jwa rona mo ditswammung. Ke rona re ka ipuwang botoka,” ga bolela Tona Kwape.

A re phuthego e gape e file Tautona sebaka sa go nna le bokopano jo bo kwa thoko le baeteledipele ba makalana a farologaneng, a mo isagong le one a tla ntshang tse dintle.

A re go kopana le boradikgwebo ba Australia go ka sologela Botswana molemo le go ngoka bagwebi ba ba fatlhogileng go tla go bula dikgwebo mo Botswana, go leka go tlhama mebereko le go godisa itsholelo ya Botswana, go tswa mo go e fatlhogang go nna e e kwa godimo.

Dr Kwape are ntle le go bua ka tsa meepo, lefatshe la Australia le na le itsholelo e fa godimo le boitseanape mo mehameng e farologaneng e ka sologelang Botswana molemo.

Ka jalo, o tlhalositse gore go tswelela ka leeto la ga Tautona go tswa kwa toropong kgolo ya Canberra go ya kwa Perth, go kopana le moeteledipele wa Bophirima jwa Australia e nnile tshono e nngwe ya gore Tautona Masisi a kopane le moeteledipele wa koo Governor Chris Dawson.

A re baeteledipele boo babedi, ba nnile le nako ya go bua ka tse lefatshe la Botswana le Western Australia di ka dirisanyang mo go tsone.

Ntle le go kopana le baeteledipele, Tona Kwape are leeto le file Tautona sebaka sa go lekola Batswana ba ba nnang kwa moseja, mme a bolela gore Tautona gape o nnile le sebaka sa go bona dikago tsa boemedi jwa lefatshe la Botswana mo Australia, jo bo eteletsweng pele ke Mme Dorcas Makgato.

Mo go tse dingwe, Dr Kwape a re bokopano jwa papadisano magareng ga Botswana le Australia (Botswana – Australia business forum) bo file dingwe tsa dikompone tsa Botswana di thusiwa ke lekalana la Botswana Investment and Trade Centre sebaka sa go abelana dikitso le go ipatlela botsalano jo bo ka godisang dikgwebo.

O boletse gape gore ntle le maikaelelo magolo a go tsena bokopano jwa ADU, puso e bone go le botlhokwa gore Botswana adirise sebaka se go atolosa maikaelelo magolo a puso a go tlhabolola temothuo.

Ka jalo, o boletse gore ba lephata la Temothuo le bone ba akareditswe mo lenaneong gore ba bapale tse di ka godisang le go tlhabolola mohama wa temothuo, bogolo jang go batla tse di ka tlhabolololang thuo ya dikgomo, mo go tse dingwe.

Tautona o etetse mo Australia a patilwe ke Tona Dr Kwape, Tona wa Temothuo Rre Fidelis Molao, Tona wa ditswammung le kgotetso Rre Lefoko Moagi, Tona wa tsa Papadi le Madirelo Rre Mmusi Kgafela le bagolwane ba bangwe ba puso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : PERTH

Event : Leeto laga Tautona

Date : 07 Sep 2023