Tsayang kgwedi ya thapelo ka tlhwaafalo
07 Sep 2023
Thapelo e ne ya thusa go ritibatsa seemo sa bolwetse jwa HIV/AIDS ka jalo go botlhokwa go tsaya ka tlhwaafalo merapelo ya kgwedi eno ya go rapela kgatlhanong le dikgwetlho tse di aparetseng lefatshe leno.
Kgwedi ya Lwetse e tshwailwe go nna kgwedi ya go rapelela kgatlhanong le HIV/AIDS, dikotsi tsa tsela, COVID-19, kgokgontsho ya bong, gammogo le go rapelela boipuso, le boeteledipele jwa lefatshe leno.
Mogolwane kwa lephateng la merero ya HIV/AIDS Rre Kennedy Dintwe, o buile se kwa merapelong ya kgwedi ya thapelo kwa Serinane mo kgaolong ya Letlhakeng ka Labobedi.
Rre Dintwe are ntswa kwa tshimologong merapelo e, e ne e itebagantse le go rapelela HIV/AIDS fela, go rotloetsa batho go itlhatlhobela mogare le go se kgetholole bao ba ba amegileng, ka go lemoga maatla a thapelo ba ne ba bona go le maleba go akaretsa matlhoko a mangwe.
Are Modimo o ne wa utlwa dithapelo tsa Batswana, mogare wa ritibala le batho ba simolola go tsaya diritibatsi ba sa boife go kgethololwa.
O supile gape gore e re le ntswa bogale jwa mogare bo ne jwa ritibala, go tlhalosiwa fa dipalo tsa ba ba tsenwang ke mogare di gola bogolo thata mo bananeng.
Rre Dintwe o ne a kopa batsadi go se fele pelo go bua le bana mme ba tswelele ba bue le bone go fitlhela ba fetola boitshwaro.
Fa a amogela baeng Kgosi Malang Galeatle wa Serinane o ne a kopa bao ba neng ba tshologetse tiro eo go reetsa ka kelelelo, le go rotloetsa banana go tsena ditiro tsa motse wa bone, a supa fa seipone sa Motswana e le kgotla.
Mogolwane go tswa kwa mokgatlhong wa House of Angels Rre Tseo Lekuntwane o ne a supa fa maikaelelo a tiro eo e le go nonotsha dikereke go nna le kitso ka malwetse, go ba fa kitso ka bolwetse jwa HIV/AIDS, COVID-19, malwetse a a sa tshelanweng le gone go rapelela bao ba ba amilweng ke malwetse a.
Fa a bala molaetsa oo tswang kwa go tona wa Molao Rre Machana Shamukuni, sebui sa tlotla, Mothusa molaodi kwa Letlhakeng Mme Kelebileone Mogome, o boletse fa lekwalo la ga Johane kgaolo ya lesome temana ya lesome le re legodu le tlela go utswa, go boloya le go senya, mme Modimo o tletse gore batho ba bone botshelo.
Mme Mogome o ne a tlhalosa fa mowa oo maswe o kgona go tlela banana ka gore ga ba bereke, o ba ruta go tswa mo tseleng ba ya go nwa majalwa, ba goga matekwane le go ba timetsa ka go ba tlhokisa bopelotelele.
O tlhalositse fa monana yo o rapelang a nna pelotelele, a leboga Modimo ka botshelo jwa gagwe mme kwa bofelong Modimo a mo kaele tsela.
Mme Mogome o ne a kopa banana go isa mathata a bone kwa Modimong, a tlhalosa gape fa ka thapelo ba ka fenya mathata a mantsi.
O ba kopile gape go rapelela batsadi le masika a bone, manyalo a bo a supa gore go nna o sa rapele mo nakong ya gompieno go siilwe ke nako.
Mothusa molaodi o ne a supa fa Tona Shamukuni a ne a fetisa lekwalo la ga Duteronome kgaolo ya masome a mararo temana ya lesome le borobabongwe e balega jaana, ‘Ke lo biletsa legodimo le lefatshe gompieno go supa ka ga lona, fa ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele, wena le lesikwa lwa gago.”
Baruti ka go farologana ba ne ba rapedisa makoa a a farologanyeng, boeteledipele, banana, dikotsi tsa tsela, nnotagi, boipuso le pula.
Mo malebong mokhanselara wa Mantshwabisi Rre Meshack Tshenyego o ne a kopa baruti go rapelela mapolotiki gore go nne le thokgamo e e tlwaelesegileng mo lefatsheng leno.
O kopile badirelapuso go thusa batho ka lerato le bopelotelele mo diofising, a supa fa batho ba kgona go kgobakgobela selo se le sengwefela lebaka le leleele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Kgwedi ya merapelo
Date : 07 Sep 2023