Breaking News

Rutang bana lefoko la Modimo - Moruti Lebogang

06 Sep 2023

Morafe wa Matlhakola le dikereke ka go farologana ba simolodisitse kgwedi ya merapelo kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS, dikotsi tsa tsela le kgokgontsho ya bong.

Ba simolotse merapelo eo ka mogwanto, go tswa kwa Matlhakola go tsena kwa makopanelong a tsela ya Martins-Drift, kwa ba fetileng ba tshwara thapelo e mashetla teng.

Fa a bua kwa merapelong eo, Bishop wa kereke ya St Paul kwa Serowe, Patrick Lebogang o tlhalositse gore go botlhokwa gore batsadi ba godisetse bana mo lefokong la Modimo.

Bishop Lebogang a re setlhogo sa letsatsi se se reng ‘’Monna yoo rapelang Tsela Ya Botsogo jo Bontle” se maleba ka gore tumelo e kgona go ba thibosa mo bosuleng.

Bishop o ba rotloeditse gore ba seka ba ineela mo go laolweng ke dilo tsa lefatshe, a re ba baakanye fa ba fositseng teng.

A re ditiragalo tse di bosula tse di diragalng mo lefatsheng leno gammogo le malwetse di tlhoka thapelo e e nonofileng ka gore thapelo e nale maatla a go fetola diemo.

Bishop Lebogang a re bana ba ba golelang mo tumelong ba kgona go falolola diaba di tshwana jaaka dinotagi, malwetsi le  kgokgontsho ya bong.

Bishop a re botlhoka tsebe jwa banana ga se sepe fa pele ga modimo, a tlhalosa gore kwa kerekeng ya bone ba leka go gogela banana mo tumelong ka dikhwaere le mananeo mangwe a a thusang go ba aga.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, modulasitilo wa lekgotla la baruti, Moruti Tshegofatso Rampa a re kgewdi ya Lwetse ke ya merapelo, go rapelela dikotsi tsa tsela le matlhoko a mangwe.

Moruti Rampa a re gape ke go lemoga botlhokwa jwa banana le go ba tsibosa ka tsa botsogo gore ba itlhokomele mo malwetseng le go fokotsa dikotsi tsa tsela le kgokgontsho ya bong.

Moruti Rampa o rotloeditse dikereke tsotlhe le morafe ka kakaretso go tshwaraganela thapelo mo kgweding e ya Lwetse. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole se se botlana sa Mokungwane, Mme Grace Gosego a re o solofela fa thapelo e tla tsisa kagiso mo lefatsheng leno.

Mme Gosego a re malwetse le dikotsi tse di dingwe di bakiwa ke boitshwaro jo e seng jone, a kopa batsadi gore ba bue le bana ba bone go ba busetsa mo tseleng.

A re batsadi ba ka kgona se ka Modimo a tswelela ka go rotloetsa bomme go rapelela bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MATLHAKOLA

Event : Kgwedi ya merapelo.

Date : 06 Sep 2023