Dipalo tsa banana ba ba tsenwang ke mogare di a gola
06 Sep 2023
Mothusa mogokaganyi wa merero ya HIV/AIDS mo kgaolong ya Palapye Rre Obusitse Pitlagano a re go supa fa go na le kgolo ya dipalo tse disha tsa banana ba ba tsenwang ke mogare.
Rre Pitlagano o buile se bosheng kwa motseng wa Gootau kwa banni ba metse ya Gootau, Goosekgweng le Manaledi ba neng ba kopanetse teng ka diphuthego tsa bone tsa dikereke go simolodisa kgwedi ya merapelo.
O tlhalositse gape dipalo e tsa dikotsi tsa tsela, kgokgontsho ya bong le tiriso phetelela ya dinotagi le tsone di golela pele.
Rre Pitlagano o ne a rotloetsa batsadi go gogela bana mo dikerekeng ka go supilwe fa thapelo ena le maatla a go fetola diemo.
A re ntswa merapelo e eteletswe pele ke diphuthego tsa sedumedi, go lebega fa dikereke dingwe di seke di tsibogela pitso e.
Rre Pitlagano a re maikaelelo a merapelo ke go rotloetsa bogogi jwa dikereke go fetola matshelo a batho le malwapa.
A re puso e tshwentswe ke seemo se, ka se golela pele e bile se ama thata banana baeleng bone bokamoso .
O gwetlhile botlhe go itlhatlhobela mogare wa HIV a bo a supa fa go santse go na le batho ba ba sa itlhatlhobeng segolo jang borre.
O ne a supa matshwenyego ka batho bangwe ba ba tlogelang dipilisi tsa mogare wa HIV ka bo bone le ba ba dirang jalo ka ntlha ya dikereke. Rre Pitlagano o ne a kgothatsa baruti go digoga kwa pele mo go gakololeng banana go fetola ka fa bantseng ba dira dilo ka teng ka go fetola dikakanyo le jone boitshwaro.
Merapelo eo e ne e simolodisiwa ka setlhogo se se reng: Monana yo o rapelang tsela ya botsogo jo bontle, ka jalo Rre Pitlagano o ne a re setlhogo se, se lebane ka gore banana ke bone ba ba amiwang thata ke mogare, dikotsi le kgokgontsho ya bong.
Kgosi wa motse wa Gootau Kgosi Maele Maele o boletse fa merapelo e ele botlhokwa ka thapelo ena le maatla.
Kgosi Maele a re go botlhokwa gore merafe e kopane go tshwara merapelo, a kopa diphuthego go tsweledisa moono wa kgwedi eno wa thapelo.
Mothusa modulasitilo wa komiti ya lekgotla la baruti Moruti Gababine Tsietsang o ne a leboga dikereke go bo di tsibogetse pitso ya botlhokwa, a ba rotloetsa go tsaya thapelo ka tlhwaafalo go boloka setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : GOOTAU
Event : Kgwedi ya merapelo.
Date : 06 Sep 2023