Breaking News

Seretse o leboga kgosi Segotsi

05 Sep 2023

Motshwarelela bogosi jwa  gammangwato  Kgosi Serogola Seretse o boletse fa Kgosi Duncan Segotsi a berekile ka botswapelo, e ne ele motsadi ka o ne a ntsha dikgakololo ka nako tsotlhe.

O buile se kwa moletlong wa tsamaya sentle o o neng o tshwerwe  kwa Mahalapye bosheng.

Kgosi Seretse a re ga ba ise ba utlwe modumo ope ka Kgosi Segotsi, a tlhalosa fa a ne a le lorato e bile a lomagane thata le kgotla e tona ya gammangwato. 

 O boletse fa motlhala wa ga Kgosi Segotsi o bonala, ka jalo a re o solofela fa Kgosi Tshipe Tshipe a tlaa o sala morago. 

O akgoletse morafe wa Mahalapye go direla kgosi  moletlo,  a re go tla ga bone go supa tirisanyo le tomagano le kgosi ya bone. 

O gakolotse Kgosi Segotsi go tsweledisa tirisano mmogo eo.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Tshipeyo o tlaa tlhatlhamang Kgosi Segotsi,   o  boletse fa go le maleba go tsamaisa Kgosi Segotsi ka mo go faphegileng ka o o eteletse Morafe wa Mahalapye ka lebaka.

Kgosi Tshipe o tlhalositse fa Kgosi Segotsi a ba tshegeditse go tla go fitlha fa ba leng teng.

O supile fa Kgosi Segotsi a simolotse tiro dikgotla di santse di le lesome le bone mme a supa fa a di tlogela di le masome a mararo le bobedi .

A re o dirile go le gontsi  go godisa motse wa Mahalapye, ke ka jalo ba ipelela ditiro tsa gagwe tse dintle tse a di diretseng morafhe.

Mopalamente wa pele wa Mahalapye East e bile e ne ele mothusa tona wa pele wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae  Mme Botlogile Tshireletso, o tlhalositse fa kgang ya bogosi e le tiro e tona.

Mme Tshireletso o boletse fa ba anywile dilo tse di botlhokwa mo go Kgosi Segotsi  jaaka go buisa batho ka boikobo le go itshwara sentle mo setshabeng. 

O supile fa go dira jalo go ne go tlotlomatsa kgaolo ka gore o ne a sa berekele mo Mahalapye fela.

O tlhalositse fa Kgosi e le ditiro dintsi, a supa fa e tlisa ditlhabololo ka gore dikgang tsotlhe tsa motse di buelwa mo kgotleng.

Mme Tshireletso o tlhalositse fa Kgosi Segotsi a na le seabe mo ditlhabololong tse di dirilweng.

A re o supile fa tiro ya kgosi  e le go aga malwapa le gone go aga setshaba.

Mo godimo ga moo, o boletse fa Kgosi Segotsi a simolotse tiro e le Kgosi kwa kgotleng ya Konyana, ka ngwaga wa 2000 a tlhatlosiwa maemo go nna Headman of Record ka ngwaga wa 2001, ka 2003 o ne a tlhatlosiwa maemo go nna moemela kgosi yo mogolwane mme ya re ka ngwaga wa 2005 a tlhatlosiwa maemo gape go nna Kgosi ya Mahalapye go fitlhelela a laela monongwaga a ya go ikhutsa.

Mme Tshireletso a re ba tla fa Kgosi Tshipe lerato le ba neng ba le fa Kgosi Segotsi, mme a kopa morafhe go tswelela ka tirisano mmogo jaaka ba ne ba dira le Kgosi segotsi. O kopile ba lelwapa go tswelela ba mo tlhokometse ka gore ba santse ba tlhoka maele mo go ene go ya pele .

Fa a tswa la gagwe Kgosi wa pele wa Sefhare  Kgosi Oteng Suping o tlhalositse fa Kgosi Segotsi e le kgosi ya botlhano wa Mahalapye. Kgosi Suping o boletse fa thulaganyo ya moletlo e e dirilweng e le ditso ka gore ga go ise go ke go nne le tiro e e ntseng jaana morafhe o laelana le kgosi. O gakolotse Kgosi Tshipe go nna boikobo  a gatelela ka go supa fa  Kgosi Segotsi e le motlobo yo go ka tsewang malebela mo go ene. 

Fa a laela, Kgosi Duncan Segotsi o lebogetse botlhe ba ba tsileng go mo tsamaisa sentle. 

A re o itumeletse  moletlo , a bo a leboga baeteledipele ba ba boneng go tshwanela go mo tsamaisa sentle. 

A re o dirile tiro e ba neng ba e mo romile, e bile o dumela fa a kgotswafaditse morafhe mo thomong ya bone.

Kgosi Segotsi o tlhalositse fa a tswa kgakala a tshwaragane le morafhe e bile a sa bereke le wa Mahalapye fela. .

O supile fa a berekile le banni ka kagiso mme jaanong a tlogela tiro ka bogodi, a re ba ba tsereng mo go ene ba seka ba boifa go kopa thuso mo go ene .

Fa Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere a ne a  akgola magosi a Mahalapye go neelana marapo ka kagiso, selo se a reng se tshwanetse go akgolwa.

A re se, e tshwanetse ya nna thuto mo morafeng le setshaba ka kakaretso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : MAHALAPYE

Event : moletlong wa tsamaya sentle

Date : 05 Sep 2023