Mmila o tlhomilwe kwa Rakhuna
04 Sep 2023
Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong o kopile Kgosi Peter Mmila wa Rakhuna go tsaya morafe wa gagwe ka go lekana.
O buile mafoko ao fa a ne a tlhomamisa Kgosi Mmila gore ke Kgosi ya Rakhuna.
Kgosi Lotlaamoreng a re go botlhokwa gore Kgosi Mmila a itse gore mongwe le mongwe yo o mo motseng wa Rakhuna ke motho wa gagwe, mme ka jalo o tshwanetse go netefatsa gore ga a gogele kobo ntlha e le nngwe.
O supile fa tiro ya bogosi e tlhoka gore a nne lorato le tlotlo mo morafeng wa gagwe gore le bone ba mo tlotle. O tlhaloseditse Kgosi Mmila gore go na le bangwe mo motseng ba ba sa saleng molao motheo wa lefatshe morago, mme le bone gaa tshwanela go ba tsaya ka letsogo la molema.
Kgosi Lotlaamoreng o kopile morafe go tlotla Kgosi ya bone, ka seo se tlaa tlisa thitibalo le tswelelopele mo motseng wa bone.
O ba gakolotse gore kgosi ke kgosi ka morafe, mme ebile ke bone ba ka dirang gore tiro ya gagwe e nne motlhofo.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mmila o boleletse morafe wa gagwe gore o itumelela gore a bo ba bone go le maleba go mo fa sebaka sa go ba etelela.
Are seo se supa gore ba na le tshepo mo go ene, a tlatsa ka go ba solofetsa gore o tlaa dira le bone ka boikokobetso le lorato.
“Ke lo kopa gore re nne seopo sengwe re bereke mmogo, re dire tlhomo ntsha ya ga Tautona ya gore re dire ka natla le gone re tlotlana”.
O ba solofeditse gore o tlaa dira tiro ya gagwe ka natla a sa patike ope, mme a supa fa a tlaa amogela mongwe le mongwe mo kgotleng.
Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Galaxy Marumola o boleletse Kgosi Mmila gore a itse gore morafe wa Rakhuna ke one badisa ba gagwe.
O gakolotse Kgosi Mmila go ya tirong malatsi otlhe le go tsena ka nako, a re go sa direng jalo go ka dira gore morafe o mo tlhoboge.
Kgosi Mmila o tsaa setilo morago ga gore rre rragwe a tlhokafale ka 2021. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Rakhuna
Event : Peo ya ga Kgosi Mmila
Date : 04 Sep 2023