Moletlo wa Dikgafela o tsosolosa ngwao - kgosi
04 Sep 2023
Kgosi Isaac Banyaditse wa Maokane are dikgafela ke karolo e tona ya ngwao.
O supile fa go le botlhokwa go o tshwara ngwaga le ngwaga.
Fa a bua le morafe mo moletlong wa go tsisa dikgafela, kwa Maokane ka Labotlhano kgosi o lebogile botlhe ba ba tseneng tiro eo, a tlhalosa fa e tsosolosa ngwao.
Dikgotlana ka go farologana di ne di tsisitse bojalwa jwa dikgafela kwa kgosing.
Kgosi o ne a supa fa moletlo e le go lebogela thobo le go kopa pula e e tlaa godisang dijalo mo pakeng e e latelang.
Kgosi Justice Motlhalane wa Sese o galaleditse Kgosi Banyaditse le morafe wa gagwe ka maikaelelo a go tsosolosa ngwao, a supa fa go itse kwa ba tswang teng go tlaa ba thusa go tsamaya sentle go ya pele.
Kgosi Motlhalane o gakolotse setshaba go somarela tsotlhe tsa ngwao jaaka mmino, dijo le boitsholo.
Fa a ntsha la gagwe, Rre Molale Mabego o tlholositse fa maikaelelo a bone a go tshegetsa tiro ya dikgafela, e le go tsosolosa ngwao, a supa fa ba tshwanelwa ke go itsaya motlhala, go boela tse dintle tsa ngwao tse ba di latlhileng.
O tlhalositse fa dikgafela di tswa goo lowe mo motseng wa bone, le fa di kile tsa ema ka nakwana.
Rre Mabego o supile gape fa dikgafela di bopa sechaba.
A re kgosi Banyaditse o ne a di simolodisa gape, maikaelelo magolo e le go tsosolosa ngwao.
O ne a re go tsosolosa ngwao go tlaa ba thusa gore ba seka ba itshupa ka ngwao ya merafe e sele.
Molemi, Rre Terena Mabego o tlholositse fa ba ipelela thobo, mme e tlaare morago ga tiro kgosi a bolotse letsema, a kopa balemi go ya go lema ka bontsi gore mo pakeng e e tlang dikgafela tsa bone di be di godile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thato Modiakgotla
Location : MAOKANE
Event : Moletlong wa dikgafela
Date : 04 Sep 2023