Banana Ba iteisanya borathana
04 Sep 2023
Lerole le ne le beta kolobe kwa metseng ya Bokspits le Vaalhoek ka Matlhatso fa banana ba kgaolo ya botlhophi ya Kgalagadi Borwa ba ne ba kgobokane go iteisanya borathana mo metshamekong ya Constituency Sport Tournament go ikgapela bommampudi jwa kgaolo.
Fa a bua mo potsolosong, moemedi go tswa kwa Lephateng la Tlhabololo Banana, Bong le Ngwao Rre Tshepo Tsheko are metshameko eo e tsamaile ka thelelo.
O supile gore kgaolo eo e kgaogantswe ka digongwana tse nne, ebong Tsabong, Werda, Middlepits le ya Bokspits.
Mo go yone go tserwe ditlhopha di le nne tse di neng tsa itlhoma kwa pele mo segongwaneng sengwe le sengwe mo metshamekong ya kgwele ya dinao, bolotloa (volleyball) le netball tsa borre le bomme.
Mo motshamekong ya kgwele ya dinao, bommapudi ba kgaolo e ne ya nna setlhopha sa Orlando Stars go tswa Khawa. Maemo a bobedi a ne a ikgapelwa ke Blue Bulls go tswa Struizendam, fa a boraro a ne a ikgapelwa ke Baroka go tswa Draaihoek.
Ka ko mabaleng a bolotlowa a bomme (volleyball) maemo a ntlha a ne a ikgapelwa ke Queen Stars go tswa kwa Khuis fa a bobedi a ne a ikgapelwa ke Black Eagles go tswa Omaweneno, mme a boraro one a ne a tsewa ke setlhopha sa Young Spikers go tswa Vaalhoek.
Mo motshamekong wa Netball, setlhopha sa Ria Stars go tswa Tsabong se ne sa itlhoma kwa pele mme sa longwa serota ke sa Eastern Swallows go tswa Bray, fa sa Tlotlanang go tswa Khawa se ne sa ikgapela maemo a boraro.
Rre Tsheko o ne a tlhalosa gore go ne go tshameka ditlhopha tse nne tse di gaisitseng mo metshamekong, mme meputso e ikgapelwa fela ke ditlhopha tse tharo.
Ditlhopa tse di gaisitseng tse dingwe di ne tsa ikgapela P5 000, tsa maemo a bobedi di atswiwa ka P3 000, fa tse di tsereng maemo a boraro di ne di ikgapela P2 000.
O supile gore go ne go tshameka banana ba dingwaga tse di lesome le boherabobedi go ya ko go tse di masome a mararo le botlhano ebile ba sa bereke gope. Metshameko eo e akaretsa le banana ba ba mo lenaneong la National Internship Programme, Tirelo Sechaba le la Ipelegeng.
O ne a tlhalosa gore banana ba tshameka mo logatong la makgaolakgang mme ga ba fetele kwa pele ka go sale go emisiwa go tshameka le ditlhopha tse dingwe tse di gaisitseng go tswa mo dikgaolong tse dingwe morago ga go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19.
Mo godimo ga moo, Rre Tsheko o ne a tlhalosa gore pele ga go tlhagoga ga COVID-19, bommapudi ba dikgaolo tsa botlhophi tsotlhe lefatshe leno ka bophara ba ne phikisanyetsa bommampudi jwa lefatshe. Jaanong mo nakong eno ga ba kgone go tswela kwa ntle.
A supa jalo gore koo ke gone makgotla a metshameko a neng a latlhela letloa go thapa ba ba nang le talente.
O ne a tlatsa ka gore go tshameka fela mo kgaolong ba sa tswele kwa ntle, go baya banana ka fa mosing ka gore ga go na kgolo e e kalo, ka ba sa kgone go bonwa ke ba ba ka ba thapang gore ba tshameke mo ditlhopheng tse di ka ba duelang madi a a botoka.
Are lenaneo la metshameko eo le diretswe gore banana ba tshameke mmogo, ba itshidile, ba itlose bodutu le gone go ba ntsha mo mebileng go ba hapha mo dihaweng.
Rre Tsheko are dikgwetlho tse di ba lebaneng mo nakong eno ke go phutha ditlhopha go tshameka mo lefelong le le lengwe, ka kgaolo ya Tsabong e le bophara mme bangwe ba felela ba sa goroge ka mabaka a letlhoko la madi.
Are lephata le ba batlela boroko mme ditlhopha di tshwanelwa ke go ipega go ya mabaleng le go ijesa. A tlhalosa gape gore mo nakong e e fetileng ba ne ba ituelela batshwara diphala, mme jaanong puso e a ba duela e bo e ba fa boroko selo se a supileng fa e le kgatelopele.
Are metshameko eo e godile mme tse ba setseng ba di fitlheletse e le lephata ke gore ditlhopha di kgona go tswa kwa leroleng jaanong di tshameka bolo e e duelelwang. A supa jalo gore sengwe sa ditlhopha go tswa kwa Tsabong Borwa, Red Lions se kgonne go iponela phatlha mo Second division.
Are batshwara diphala ba kile ba rutuntshiwa ke lephata, mme e bile bangwe ba bone ba setse ba tsaya karolo mo metshamekong ya dikgaolo.
A supa jalo gore ba ne ba fiwa ditlankana mme bangwe ba setse ba tshwara diphala mo Second Division.
Mongwe wa ba tshwara diphala ba ba akotseng ithutuntsho eo, Rre Fane Mmabe go tswa Tsabong o lebogetse metshameko eo go nna le sebaka sa go tshwara diphala.
A supa gore ka 2015 o ne a rutuntshiwa le bangwe mo kgaolong. Seo se ba tswetse mosola ka gore ba bidiwa kgapetsa-kgapetsa go dira tiro mo metshamekong ya Constituency Sport Tournament mme ba dira jalo ba atswiwa ka sengwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : VAALHOEK
Event : Constituency Sport Tournament
Date : 04 Sep 2023