Old Naledi o agelwa letangwana la itloso bodutu
03 Sep 2023
Banni ba Old Naledi ba tlaa agelwa letangwana la go thuma mo lefelong le le siketsweng go nna la itloso bodutu.
Kago eo, e e tlaa dirwang pele ga ngwaga ono o wela e e beetsweng P1.4m e diilwe ke tsamaiso ya go ikopela ditiro e e neng ya seka ya tsamaa sentle.
Banni ba amogetse tlhabololo e ee tlaa dirwang mo kgaolong ya bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Rre Dumezweni Mthimkhulu mo Gaborone bosheng.
O ne a re morago ga go aba tiro eo, go ne ga lemosega fa e abetswe rakonteraka yo e seng moagi wa Naledi, mme tshwetso e o ya boelwa morago.
Rre Mthimkhulu o ne a re botsamaisi jwa khansele ya Gaborone, ke jone bo nang le boikarabelo jwa go tsamaisa ditiro tse di ntseng jalo.
O tlhomamiseditse baagi gore tiro eo e tlaa simololwa ka jaana madi a yone a tswa mo letloleng la ditlhabololo tsa kgaolo.
Mopalamente Mthimkhulu o ne a re, lefelo leo le tlaa tlhamela baagi ditiro, go ntsha bana mo mekgwatheng le go ba faposa tiriso ya ditagi.
Rre Mthimkhulu o tlhalositse fa go tlaa nna le malatsi a bana ba tlaa thumang ba sa duele, le a ba tlaa duelang mme bagolo bone ba tlaa duela.
O ne a re letangwana leo le tlaa bo le tsamaisiwa ke komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Mopalamente o ne a bega ha leobo la kgotla le lone le tlaa baakanngwa ka le setse le onetse.
Mokhanselara Rre Gopolang Montsho o ne a re kago ya ntlo ya modisa dikago kwa sekoleng sa Tshwaragano le yone e a simologa.
Rre Montsho ne a re kago e e neng e dirisiwa e le motlobo wa dibuka kwa sekoleng seo, e tlaa fetolwa go nna ya borutelo jwa bana ba ba tlaa simololang lekwalo lwa ntlha.
Mokhanselara Montsho o ne a re ba santse ba tlaa baakanya matlwana a boitiketso kwa lefelong la mmaraka.
Baagi ba ne ba lebogela ditlhabololo mme ba tlhalosa fa tiego ya tsone e ba beilwe ka ha mosing. ENDs
Source : BOPA
Author : Gontle Merafhe
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Sep 2023