Breaking News

Patlo ya mmabontle wa boipuso e tsweletse

03 Sep 2023

Makgarebe a feta masome a mararo a supile  bothakga le bokgeleke ka go supa kitso ya bone ya ngwao ya setswana.

E ne ele dikgaisanyo tsa go tlhopha baba ka yang kwa legatong  le le latelang la go nna MmaBoipuso wa Botswana jwa mono ngwaga.

Makgarebe a ne a tswa mo metseng e farologanyeng ya Botswana go balelwa Kanye, Mochudi,Gumare le Shakawe.

Ba ne ba itshupa gore ba itse lefatshe la bone le dingwao tsa bone jang. 

Mo kgaisanong e, makgarebe a, aa neng a apere kapari ya setswana a ne a tshwanetse go supa gore a itse lefatshe la bone jang.

Makgarebe a aa dingwaga tse di masome a mabedi le go feta a ne a supa gore lefatshe la Botswana le ikaegile ka diteemane, kgomo, mme bangwe ba ne ba supa fa Botswanana e itsewe ka bojanala. 

Bangwe bane ba supa bokgeleke jwa poko e eleng nngwe ya bo diragatsi jo Botswana a ipelafatsang ka jone. 

Bangwe ba betsa mogolokwane, bangwe ba supa lenyalo la setswana.

Bangwe go tswa bokalaka ba ne ba supa ngwao ya bone ya mmino wa dihosana ba supa fa o ne e binwa go rapelela pula. 

Gone go leba yo o sebete ka makgarebe a ane supa fa ba itse  lefatshe la bone le dingwao tsa bone. 

Baroki ba mo gae ba ne ba nna le sebaka sa go supa diaparo tsa bone  go natefisa letsatsi. 

E tlaare mo malatsing a a latelang baatlhodi ba tlaa tlhopha ba ba kgonneng go fetela kwa legatong le lengwe la go batla Mma Boipuso wa 2023. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Wren

Location : GABORONE

Event : MmaBoipuso wa Botswana

Date : 03 Sep 2023