Ba Malatswae ba roletswe kgosi
03 Sep 2023
Kgosi e tswanetse go nna sekao mo morafeng wa yone le go tsaya morafe ka tekatekano ntle le kghethololo ya gore motho ke wa tumelo, mokgatlho kana phathi efe ya sepolotiki.
Ka kgosi e le thotobolo a tshwanelwa ke go reetsa dikgang tse di monate le tse di bosula a setse molao wa bogosi le molao motheo wa Botswana morago.
Tona ya Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o buile se kwa peong ya ga kgosi Dikabelo Bosigo II kwa Malatswae mo kgaolong ya Serowe Bophirima, ka Labone.
Kgosi Bosigo II o bewa jaana morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe, Kgosi Ketsieditswe Bosigo, yo o tlhokafetseng ngogola.
Morago ga go tlhokafala ga kgosi, bontsi bo ne jwa batla go emela maemo ao, mme ga bitswa ditlhopho kwa mo go tsone morafe ka makatlanamne ba neng ba baya Rre Dikabelo Bosigo monwana go ba etelela pele.
Kgosi Ketsieditswe o busitse motse wa Malatswae dingwaga di le masome mabedi le bosupa, a ne a tsaya mo go Kgosi Mongwato Mahalapye yo o neng a busitse dingwaga di le lesome.
Tona Autlwetse o ne a lebogela seo ka go sa nna le dingongora kana ditsheko morago ga ditlhopho jaaka go a tle go diragale mo metseng mengwe.
A re dikgang tsa bogosi di kgaoganngwa kwa kgotla tshekelong e tona mo lefatsheng leno.
O rotloeditse kgosi go ikela tlhoko a sekaseke ba a nnang le bone esere gongwe ba mo epela lemena, a rotloetsa gore a ikaege thata ka go kopa dikgakololo mo go bo rangwaneagwe.
“Kgosi o seka wa ba wa re ka letsatsi lepe wa inaakanya le diphathi tsa sepolotiki ka gore ga ba na boammaruri, ba ka go paledisa go busa rra. Sepolotiki le bogosi ga di tsamaelane gope, maloko a diphathi tsedi farologaneng ke batho ba gago botlhe,” a rialo.
O rotloeditse kgosi Dikabelo go tlhokomela dikgotlana tse nne tsa Malatswae , mme a iletse go runya ga dikgotlana mo motseng wa gagwe.
Dikgotlana tse nne tseo ke ya Basimane, Mmapitse, Mohokotso le Moboloongwe.
Tona o boletse fa mo metseng e mengwe go runya dikgotlana tse dinnye maikaelelo ele go batla tiro gore ba duelwe, selo a reng se babalela puso.
“Ga o a tshwanela go ganetsana le puso mo go tse e di beileng pele Batswana, fa o dira jalo o tlaa bo o lwa le puso mme fa ditlou di lwa se se swaegang ke bojang mme go tla nna le mofenyi, mme fa puso e bona gore o lwa le yone e tla go kopa gore o ithole marapo,” a tlhagisa.
O kopile kgosi Dikabelo go inaakanya le bagwebi ba ba ikemetseng gore ba mo thuse go tlhabolola motse wa gagwe go na le go baya tsotlhe mo pusong, a bolela fa leina lentle le itirelwa ebile moremogolo go betlwa wa taola wa motho o ipetla.
Fa a mo neela setilo rrangwaneagwe, rre Foreman Kampo, a mo laya ka gore banni ba Malatswae ga se gore ba mo rata botlhe mme a nne a iketse tlhoko.
Rre Kampo o mmoleletse fa a rwele ditlhako tse ditona tse di batlang boikarabelo jwa maemo a a kwa godimo ebile a tseye batho botlhe ka tekateno. Are jaaka tona le ene o mo kopa go tshaba dipolotiki lebaibai.
Kgosi ya Mmashoro, yoo okametseng dikgosana tsa Malatswae le Dimajwe, kgosi Opelo Disang, o boletse fa kgosi Dikabelo a sale a beilwe monwana ke rraagwe ka ngwaga wa 2018, mme batho ba Malatswae ba agelela mafoko a ga kgosi mosako ba tlhopha ngwana wa gagwe.
Kgosi Disang a re kgosi Dikabelo o tshwanetse go tsosolosa mephato mo motseng wa gagwe go lwantsha botlhokatsebe jwa banana.
A re kgosi ga e ke e ikkhutsa.
Kgosi Disang o mo rotloeditse go bala molao motheo wa Botswana le molao oo laolang bogosi gore e re a kgalema, a kgaleme mo go maleba.
Erile a amogela thomo, kgosi Dikabelo a amogela dikgakololo tsotlhe, a solofetsa fa a tla di sala morago.
O lebogetse puso go bo e eme motse wa Malatswae nokeng mo go tse di akaretsang ditlhabololo.
A lebogela mokete wa go mo tlhoma, a leboga balemi-barui ba dipolase tse di dikologileng motse wa Malatswae a bolela fa ba ne ba dirisana le rraagwe sentle.
O boletse fa a berekile mo komponeng ya Security Systems ka lebaka mme a amule go le gontsi mo go yone tse di amang itshireletso.
Mopalamente yoo sa tswang go tlhophiwa bosheng wa Serowe Bophirima, Rre Onalepelo Kedikilwe o lebogetse go tlhongwa ga ga kgosi Dikabelo mme a mo rotloetsa go tshwara ka thata se a se boleletsweng ke ba ba neng ba mo laya.
Mopalamente Kedikilwe o boletse fa kgosi ele kgosi ka batho, e tshwanetse go dirisana le batho ka tekatenyo, le one morafe o tshwanetse go dibela kgosi ya one ebile ba mo eme nokeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : GABORONE
Event : Peo ya kgosi
Date : 03 Sep 2023