Breaking News

Mthimkhulu o a kgalema

31 Aug 2023

Mopalamente wa Gaborone Borwa, Rre Dumezweni Mthimkhulu a kgadile a sa kgwe mathe tiriso ya diritibatsi e e nyeletsang ditoro tsa banana mo kgaolong eo.

Mopalamente o buile jaana ka Mosupologo mo phuthegong ya kgotla fa a ne a buisa banni ba kgaolwana ya Babusi mo kgaolong ya gagwe.

Rre Mthimkhulu o tlhalositse fa seemo se dule mo taolong, bogolo jang mo bananeng mme a kaya gore se se ka fokotsang mathata a ke fela fa ba ka nna seopo sengwe go lwantsha ditagi.

E rile a begela morafe ka ditlhabololo tsa kgaolo ya bone a tlhalosa fa ditsela di tlaa baakanngwa.

O kaile fa puso e ne ya ntsha P10 million, mme bone ka kgaolo ya bone e ne e sena ditsela tse di siameng ba neetswe P5 million go dira tsela.

“Ditsela di tlaa simolola go agwa kgwedi e e tlang,” mopalamente a tlhalosa.

O supile gape gore kgaolwana ya White City le Bontleng di neetswe P2 million nngwe le nngwe ya tsone. 

E rile a ntsha la gagwe, monana, Rre Dimpho Batlanang a tlhalosa fa khansele ya Gaborone e sa berekisanye le bone sentle ka gore ba tlhobosa maiteko a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a gore ba kgone go dira dikgwebo mo malwapeng.

A re tiriso ya diritibatsi e ntsi mo kgaolong eo mme e gakadiwa ke gore banana fa ba re ba leka dikgwebo di felela di pala ka go tsaya lobaka gore ba thusege.O kopile gore khansele e dirisanye le bone sentle gore ba leke go fokotsa letlhoko la ditiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BAKANG WREN

Location : GABORONE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 31 Aug 2023