Breaking News

Dipolaano tsa marato di keketse

31 Aug 2023

 Morafe wa Shoshong o rotloeditswe go emela ka dinao dikgang tsa dipolaano tsa baratani le kgokgontsho tse di golelang pele mo kgaolong eo.  

Go boletswe fa dikgang tse di oketsega e bile batho ba sa tlhole ba sitega go di dira.

Mopalamente wa Shoshong Rre Aubrey Lesaso o supile matshwenyego a kwa phuthegong ya kgotla kwa Kalamare bosheng.

Mopalamente a re batho ba tshwanetse ba begela mapodisi le botlhe ba ba maleba dikgang tsa mofuta o, gore ba-tswa setlhabelo ba bone thuso go santse go na le nako go boloka matshelo.

Rre Lesaso o gakolotse banni go itlwaetsa go tlholana le go botsa ba bangwe matsogo jaaka ene e le tlwaelo bogologolo.

A re go dira jalo go ka fokotsa kgokgontsho mo malwapeng ka batho ba ka kgona go ikuela le go bona thuso, le dikgang tse di bakang kgokgontsho di ritibala.

O boletse fa dipolaano tse di tlogela bana e le masiela, ba sena batlhokomedi, a kopa batsadi go laya bana ba bone ba basetsana, a rotloetsa basetsana le bomme ba ba sa nyalwang go tlotla malwapa a batsadi.

Mopalamente a re go tsisa banna mo malwapeng go se ka fa molaong e bile go tsala dipolaano tse di felelang di ama le batsadi.

Rre Lesaso o kopile gore batsadi ba kgaleme masula a dikgang tsa marato.

O ne a rotloetsa bomme go tlotla malwapa a batsadi ba bone gore diemo tsa mofuta o, di tokafale, a rotloetsa borre go amogela tlhalo fa lerato le fedile, ka gore go bolaana ga go thuse sepe.

Rre Lesaso o kopile gore go nne le lekgotla la borre mo motseng, le ba tlaa nnang ba kopana ba buisana ka botsogo jwa bone kwa malwapeng le dikgang tsotlhe tse di ba amang, ba bo ba neelana dikgakololo gore ba boele kwa marakanelong a ditsela ba ikage sesha.

O ne a kopa batsadi go emisa go bipa kgokgontsho ya bana ba ba dirisiwang botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

A re dipego di supa fa dikgang tse di le teng mme batsadi ba sa di bege,a supa fa ba re ga ba batle go tlhwajwa ke dithong fa ngwana a dirisitswe ke motsadi mo lapeng.

O kgothaditse batsadi go kgalemela bana mo go lekanetseng go ba tsenya mo tseleng, a re go kgoba bana ka dipuo ga se gone go tsenya bana bokoa e bile go ba kotlometsa maikutlo.

Rre Lesaso o kopile gore dikgang tse di begelwe ba molao go na le nako ka gore ga di kake tsa ritibala go sa tsewe dikgato.

O rotloeditse batsadi go tsaya boikarabelo jwa go sireletsa bana  ba bo ba ba ruta  mosola wa go tsena mo nyalong le go nna mo loratong.

A re bana ba rutwe go tshelela Modimo ka go dira jalo go ka ba tsenya mo tseleng ya tshiamo.

O ne a tlatsa ka go supa fa batho ba sa tshwanela go tlwaela gore motho o a bolawa.

A re fa batho ba utlule botlhoko ba bone bagakolodi go sidilwa maikutlo.

Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba supa fa ba itse ka dikgang tse e bile di sa ba nnise sentle mo motseng, ba supa fa bontsi jwa dikgang tse di sa begwe ka gore beng ba tsone ba a di bipa mme e re kwa bofelong tlhoka kutlwisisanyo e bake dintsho.

Banni ba ne ba kopa dipone mo motseng, ba supa fa motse o le lefifi mme seo se ba itsa go tsamaya ka phuthologo bosigo le fa ba na le diemo tsa potlako ka ba sa babalesega.

Ba ne ba kopa gape gore ba gopelwe ditsela tse di fa gare ga motse ka di sa tsamaege di epilwe ke metsi.

Ba ne ba supa fa ba santse ba emetse ditlhabololo tse ba di solofeditsweng.

Fa a araba, mopalamente o ne a supa fa a itse ka lefifi mo motseng mme a supa fa a isitse kopo jaanong e diilwe ke gore khamphani ya motlakase e na le tlhaelo ya madi.

O ne a tlatsa ka go supa fa ditlhabololo tse banni ba di solofeditsweng di ntsheditswe madi mme baikopedi ba tiro bontsi jwa bone e le ba ba senang boitseanape jwa tiro eo.  Tiego e tswa fa..

A re bangwe ba baikopedi ba ja madi ba ise ba dire tiro le ntswa puso e dira maiteko a go rotloetsa dikhamphani tsa Batswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : KALAMARE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 31 Aug 2023