Werda Athletics Social Club e kopa kemonokeng
30 Aug 2023
Mosimolodi wa Werda Athletics Social Club, Rre Tshepiso Kashiwa o kopile dikhamphaning, maphata a puso, le setshaba ka kakaretsogo thusa mo kgolong ya mokgatlho le gore bana ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone mo go tsa metshameko.
O boletse fa maikaelelo a mokgatlho oo e le go thusa bana go epolola le go tsweledisa ditalante tsa bone tsa go thuba lebelo mo kgaolong ya Tsabong, bogolo jang ba ba sa dirang sentle mo dithutong.
Kashiwa, yo gape e leng morutabana kwa sekoleng se segolwane sa Tapologo mo Werda, o buile jaana ka Matlhatso mo puisanyong le BOPA ka letsatsi la dikgaisano tse ba neng ba di rulaganyeditse bana go ipaakanyetsa metshameko ya go phadisana le ba bangwe kwa Athletics Social Club.
O boletse fa e rile a sena go lemoga fa bana bangwe ba sa dire sentle mo dithutong tsa Form Three, le Form Five mme ba na le dineo tsa metshameko tse ba ka itshetsang ka tsone, ba simolola Werda Athletics Social Club ka 2018, mme ya kwadisiwa semmuso ka Mopitlo monongwaga.
O tlhalositse fa maikaelelo a Werda Athletics Social Club e le go tsosolosa ditalante tsa bana go ba ntsha mo mebileng morago ga go fetsa dikole, go ba nonotsha ditlhaloganyo le go bopa boitsholo jo bo eletsegang.
A re se se ka thusa bana go ikgapha mo go tsa botlhokatsebe, di akaretsa dinotagi le tse dingwe.
Kashiba, yo o supileng fa a dira tiro e ka boithaopo le go dirisa di-tsa gagwe go tswa boteng jwa pelo ya gagwe ka lorato lwa metshameko, o kaile fa bana ba le masome mabedi le bongwe ba Werda Athletics Social Club go tswa mo Werda, Kokotsha, Bray le Draihoek ba ne ba le mo ithutuntshong ya beke go ipaakanyetsa dikgaisanyo tse di neng di tshwerwe ka Matlhatso.
O lebogile boeteledipele jwa motse jaaka mokhanselara Ronald Estherhuizen, maloko a VDC, bagwebi le batsadi ba ba thusitseng gore ithutuntsho eo e atlege.
O kopile le ba bangwe go otlolola letsogo go thusa.
Mokgatlho oo o simololetswe mo legoeleleng.
Rre Kashiba o supile fa letlhoko le le kwa godimo e le kapari, madi a dipalamo ka nako ya ithutuntsho le fa go iwa dikgaisanyong kwa mafelong a tshwana le Francistown le Gaborone.
O lebogile barutuntshi ba Ramotswa Athletics Social Club le ba Jwaneng Athletics Social Club ba akaretsa borre Finah Diseko, Jeremia Khala, Thuto Steam le Kamora Rantshole ba ba supileng mowa wa thotloetso, boithaopo le kemonokeng go tla go rutuntsha bana kwa Werda.
Kgosi Stanley Mackenzie go tswa Werda o supile fa Werda Athletics Social Club e le botlhokwa ka e tlaa thusa mo kagong ya bana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : werda
Event : mokgatlho
Date : 30 Aug 2023