Breaking News

Moagi o rotloetsa kamogelo mananeo

29 Aug 2023

E ne ya re ka Mosupologo mo phuthegong ya kgotla kwa Mogobane Mopalamente wa Ramotswa Rre Lefoko Moagi a rotloetsa banni ba kgaolo ya ga Malete go amogela mananeo ka tsoo-pedi mme ba a direse e le sebaka sa go itshetsa le go thusa puso go tlhama ditiro.

A re mananeo a, a file banana sebaka sa go itshetsa le go itlhamela mebereko ba sa lebe fela mo pusong go ba tlhamela ditiro. A re ba tsaye karolo mo mananeong a tshwana le la YDF a mo nakong ya gompieno a santseng a buletswe gore banana ba tsenya dikopo.

Tona a re le ntswa banana ba filwe mananeo go itshetsa bangwe ba santse ba ngosela mme basa dire tiro kana tse di maleba gore ba kgone le bone ba ikakolele mananeo a.

“Mo bogompienong go na le banana ba e leng gore ba reka mananeo a kgwebo go ikopela madi a banana, ntswa ba sena yone kitso ka kgwebo eo”.

A re go tlhoka kitso ka kgwebo ya gago, go go baya ka fa mosing, ka jaana ka nako e kgwebo e tlaa ralalang diemo o retelelwe ke go di fema.

O rotloeditse banana gore fa ba batla thuso ka tsa go tlhama kana go kwala mananeo a go tsamaisa dikgwebo a ikopelo madi a dikgwebo tsa banana go maleba gore ba kope dithuso kwa makalaneng a a tshwanang le LEA.

Tona o supile gape gore mo kgweding tse di sa tswang go feta puso e ne ya tsaya tshwetso ya go reka dipoo go tswa kwa ntle ga lefatshe e le maiteko a go nonotsha boleng jwa leruo mono gae morago ga ditlhatlhobo tsa baitseanape.

A re go tlhabolola boleng jwa dikgomo tsa mo gae ke lengwe la maiteko a go bona sekale se se botoka kwa matlhabelong a BMC.

O supile fa maiteko a go tokafatsa boleng jwa dikgomo a tsile ka lenaneo la kgwediso ka seatla e le lengwe la a a tlang ka kitso ya sennelaruri.

O buile fa lenaneo la kgwediso ka seatla e le nngwe tsela ya go fema barui mo boturung jwa go reka dipoo. 

A re go amogela le go nna karolo ya lenaneo la kgwediso ka seatla go tlaa netefatsa gore mang le mang yo o batlang go tlhabolola leruo o ka dira jalo kwa ntle ga go turelwa. A re peo ya dipoo tse e tlaa simolola fela ka P25 go lebilwe boleng le mofuta wa poo e o eletsang go reka peo ya yone.

A re go nna le bommantswitswidi wa kgweediso ka seatla mo kgaolong go ka tswela kgaolo mosola ka jaana ba ka bona gore madirelo a dikgomo mo kgaolong a ka baakanngwa le gone go thusa ba metse e e gaufi ba sa tlhoke go ya Ramatlabama go gweedisa ka seatla.

A supile fa go nna mmantswitswidi wa kgweediso ka seatla e le sebaka sa gore motho o ka itsenyetsa letseno a itshetse ka jaana o ka feletsa a duelelwa go gwedisetsa bangwe ka ene ba ba senang kitso eo.

Banni ba ga Malete ba tlaa nna le monyetla wa go tsenelela ithuthuntsho e e tlaa simololang  Lwetse a tlhola malatsi a mane kwa Ramatlabama ka e le sone sekole sa kgwediso ka seatla se se gaufi. A re go tlaa lopiwa go simolola ka P500 mme dithuto di tlaa tsaya malatsi a le lesome le boferabobedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : MOGOBANE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 29 Aug 2023