Dikoloti o galaletsa bagaka ba COVID-19
29 Aug 2023
Batho botlhe ba ba nnileng le seabe mo go tlameleng balwetse ba COVID-19 ka nako e bo neng bo tlhakaladitse ba galaleleditswe mowa oo, le bopelokgale bogolo jang ka bone bo tsentse letshogo.
Ba rotloeditswe go supologa mo maibing a COVID-19, ka dikakanyo tse di fetogileng, le go tlhagafalela go direla setshaba ka mewa e e edileng.
Tona wa Botsogo, Dr Edwin Dikoloti o ne a buisa ba-na-le seabe ba ba neng ba diretswe moletlo wa tebogo ba kokelwana ya Kgatelopele ya Gaborone e e kwa Block 8, ka Sontaga kwa Oodi.
A re fa bolwetse bo tlhagoga la ntlha, kokelwana ya Kgatelopele e ne ya nna nngwe ya tsa ntlha mo toropo kgolo ya Gaborone go tlhatlhobela mogare wa COVID-19.
A re maitlamo a bone a go tlamela ba ba tshwerweng ka bolwetse, a ne gape a tsamaelana le maikemisetso a puso a pilara ya ntlha ya Tlhomo Ntsha a go sireletsa setshaba sa Botswana mo bolwetseng jwa COVID-19.
Ka jalo, a re go ne go se bonolo ka jaana mela ya go tlhatlhobela mogare kwa kokelwaneng e, e ne e nna fela o boitshega, mme bodiredi bo ne bo dira ka natla go tlhatlhobela mogare, ba bo ba ntsha maduo a a neng a isa batho kwa serubing.
O ne a tlhalosa gore maduo ao gape a ne a dirisiwa mo mesepeleng mo Botswana le mafatshe a sele.
Tona Dikoloti o boletse fa COVID-19 e amile matshelo a batho botlhe mo Botswana le mafatshe otlhe ka kakaretso, mme a ba rotloetsa gore ba leboge fa ba kgonne go e falola.
Dr Dikoloti o tlhalositse gape fa kokelwana ya Kgatelopelo e le yone e e neng e tlhophilwe go tshegetsa ba ba gateletsweng ke COVID-19 mo go neng go baya bodiredi jwa kokelo eo mo diphatsheng le go feta.
“Re leboga thata gore re bo re fentse COVID-19 ka go bereka ka natla ga lona. Go tswelela go ya pele, ga ke batle go lebala go gakolola gore mogare o wa COVID-19 o santse o le teng, e bile ditirelo tsa one di tlhakantswe le ditirelo tsotlhe tsa tsatsi le letsatsi tsa botsogo. Ditirelo tse, di fitlhelwa mo dikokelwaneng tsotlhe tsa botsogo,” ga bolela Dr Dikoloti.
O boletse gore COVID-19 e rutile batho go le gontsi, mme a bolela fa maikaelelo e le gore batho botlhe ba tsosolose mananeo otlhe a go emelelana le diemo tsotlhe tsa tshoganyetso.
Leloko la Komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Marapo a Thutlwa, Rre Mogotsi Motshegwe o boletse gore go ne bo lebanye gore go nne le moletlo wa go leboga badiri botlhe ba ba neng ba tshegeditse balwetse kwa Kgatelopele, ka jaaana e ne e le yone boremelelo jwa ditirelo tse di Masisi.
A re maikaelelo magolo a moletlo oo, e ne e le go tla go fana maele, go lekolana ka jaana bontsi jwa bone ba amilwe bobe ke segajaja seo, mme e bile ba tsweletse ba tshelela mo go gakologelweng tse di neng di diragala, ga mmogo le ditlamorago tse di amileng ditlhaloganyo tsa bone. Mopalamente wa Gaborone Bokone, Rre Mpho Balopi o lebogetse tirisano mmogo e e kwa godimo ya batho ba Block 8. A re ba santse ba na le mowa wa boipelego, mme e bile ba dirisana sentle le badiredi botlhe go akarediwa le ba ba tlogetseng tiro ka bogodi go bona gore kgaolwana ya bone ga e salelel kwa morago mo go itireleng tse dintle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : OODI
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 29 Aug 2023