Breaking News

Kgosi o akgola kereke ya UCCSA

29 Aug 2023

Kgosi Tapson Madikwe wa Tutume o akgoletse maloko a kereke ya UCCSA tiro e ntle e ba e direlang morafe.

Kgosi Madikwe o ntshitse kakgolo eo kwa moletlong wa dijo tsa motshegare o o neng o rulagantswe ke kereke eo kwa Tutume bosheng.

A re maloko a kereke eo, a itshupile fa a na le boikarabelo mo setshabeng ka e sale kereke eo e nna teng ba thusa setshaba, a gatelela ka gore kereke ya Lontone e tlholegile e belege puso ka go tsenya letsogo mo ditlhabololo dingwe mo lefatsheng.

Kgosi Madikwe o ne a kopa maloko ao go tswelela ka mowa o le mongwe, go thusa fa ba ka kgonang teng ka puso ka esi e ka seke e kgone.

O ne a ba akgola a re ba mo moonong wa lenaneo la ga Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi la go fetola dikakanyo le ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng ka ga ba a ikaega ka go rapela le go rorisa Modimo fela, mme ba eta ba gadima kwa morago ba gopola ba ba tlhokang thuso.

A re go a itumedisa go bona maloko a tshwaragane a le moono mongwe fela, go dira tiro e tona ya go kokoanya madi a dithuso.

Leloko la UCCSA, Mme Emily Matolela a re maikaelelo a go dira moletlo oo e ne e le go kokoanya madi a a yang go thusa Lephoi Centre kwa Francistown.

Mme Matolela a re kereke ga gona kwa e tsayang madi teng, ka jalo maloko ba itlama ka bonnye jwa ba nang najo go leka go thusana le puso go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. 

A re ba itlamile go direla setshaba ka bopelotlhomogi le botswapelo, ba tshegeditse lefoko le le tswang mo Baebeleng, le le reng, Mokeresete o tshwanetse go bonwa ka ditiro.

Mogolwane kwa Lephoi Centre for the Blind, Rre Tirelo Perekisi a re Lephoi ke legae la ba-tlhoka pono, le le tlhamilweng ke kereke ya UCCSA ka 1985, go tlhokomela bana ba dingwaga tse thataro go ya kwa go tse di lesome le botlhano.

Rre Perekisi a re ka bana bao ba rutwa dithuto tse di tshwanang le tsa baithuti ba bangwe, Lephoi e ne ya bona go tshwanela gore e ba okeletse ka thuto ya tiro ya diatla.

A re seo se ne sa dira gore ba batle lefelo le le bulegileng, le ba tlaa rutang baithuti bao tsa temo thuo, go loga dibaga le tse dingwe. 

O supile fa ba setse ba bone setsha gaufi le Francistown, se se lopileng P485 000.

A re ba ne ba bona go tshwanela go kopa thuso mo makalaneng a kereke eo gore ba kgone go diragatsa moono wa bone wa go okeletsa baithuti bao thuto gore ba kgone go tsoga kamoso ba ikemetse ka dinao, ka e bile ba lemogile fa bana bao ba na le bokgoni mo tirong ya diatla.

Rre Perekisi o ne a akgola maloko a kereke go bo ba supile boeteledipele jo bo nonofileng, e bile gape ba bone botlhokwa jwa go ba thusa gore ba tle ba kgone go bona lefelo leo.

E ne e rile pele a amogela baeng, moruti wa UCCSA kwa Tutume, Moruti Kennake Bhebe o ne a bolela fa bontsi jwa maloko a kereke eo e le bagodi. 

O ne a leboga botlhe ba ba neng ba ba eme nokeng gore tiro ya bone e atlege. 

Kereke eo, e ne ya kgona go kokoanya P17 200. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : MOLETLO

Date : 29 Aug 2023