Cresta Bosele e keteka moletlo wa ngwao
29 Aug 2023
Go ne go osha legong go sala molora kwa Cresta Bosele Hotel kwa Selebi Phikwe jaaka ba ne ba ipelela ngwao ya Setswana.
Moletlo o, o o neng o tshwerwe ka Matlhatso, o mo ngwageng wa bolesome le bongwe o ntse o tshwarwa ka maiteko a go tsosolosa le go ipelela ngwao, e akaretsa kapari ya setso, dijo tsa setswana, mmino le metshameko ya Setswana.
Mookamedi wa Cresta Bosele Hotel Rre Ferdinand Sebinyane a re maikaelelo a moletlo o ke go tsosolosa le go ruta bana ba ba tswang kwa tlase ka ngwao le dijo tsa Setswana.
O ne a gatelela botlhokwa jwa go somarela ngwao, a tlhalosa fa gantsi bana ba ba nnang mo ditoropong ba sa itse sepe ka ngwao ya Setswana ka gantsi ba seke ba etela kwa magaeng kwa ngwao e santseng e tshegeditswe.
O ne a re go botlhokwa gore bana ba nne ba tsena meletlo ya go nna jaana ka ba ka ithuta go le go ntsi mo go yone, a tlhalosa fa go dira jaana e se go tsosolosa ngwao fela mme go neela le bone badiragatsi sebaka sa go ipapatsa mo setshabeng.
Rre Sebinyane a re tiro e, e thusa thata ka go kopanya merafe go ithuta ka dingwao tsa e mengwe.
A re se gape se thusa mo dikgwebong tsa banni ba tikologo ya Selebi Phikwe ka ba reka dijo tsa Setswana mo go bone.
Mo godimo ga se Rre Sebinyane o tlhalosa fa Cresta Bosele e sa itebaganya fela le go dira dipoelo mme ba na le maitlamo a ba a ipeileng pele a go thusa batho ba tikologo e ba leng mo go yone, a tlhalosa fa mono-ngwaga ba abela sekole sa Rekakgona se se se rutang ba-na-le bogole tiro ya diatla mo Selebi Phikwe.
E rile a tswa la gagwe, mongwe wa badiragatsi yo o tswang kgakala le mmino wa Setswana Rre Ditiro Leero o tlhalositse fa go le botlhokwa gore batho ba nne ba kopana bogolo jang mo nakong ya gompieno e batho ba gateletsweng ke maikutlo ka go ka ba thusa go nna ba arogana maele a botshelo.
Rre Leero o ne gape a tlhalosa fa go le botlhokwa gore batho ba inaakanye le meletlo ya Setswana ka go a bo go jewa dijo tsa Setswana tse ba bongaka ba rotloetsang gore di jewe ka di a bo di sa tsenngwa metswako epe e e ka ba bakelang makoa.
Rre Leero a galaletsa Batswana go bo ba rata ngwao ya bone ba e supa ka kapari e o fitlhelang e segilwe ka botswerere jo bo kwa godimo.
Moletlo o o ne o tsenwe ke bagolo le bana go tswa mo mafelong a a farologaneng mme o ne o natefisiwa ke badiragatsi ba tshwana le Rre Bataadira Radipitse yo e leng moletsi wa katara le setlhopha sa mmino wa Setswana mo toropong e sa Kala tsa Kgale ga mmogo le baopedi ba bangwe ba mmino wa setso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : MOLETLO
Date : 29 Aug 2023