Breaking News

Basotho ba boloka ngwao

28 Aug 2023

Kgosi Mosoabodi Letshikhoana wa Tlhareseleele, o tlhalositse fa ngwao e le botlhokwa mo go ageng setshaba se se nang le boikarabelo.

Fa a bua le BOPA morago ga letsatsi la go ipelela ngwao ya Basotho ka Matlhatso kwa Tlhareseleele, Kgosi Letshikhoana o supile fa maikaelelo e le go tsosolosa ngwao, ka jaana e ka isa morafe wa gagwe kwa pele.

O tlhalositse fa ba ipelela letsatsi le, ngwaga le ngwaga, a tswelela ka go supa fa tse di maswe di ka fokotsega fa morafe o sala ngwao morago.

Mogolo wa motse, Rre Sello Motseko o tlhalositse fa ba tlhophile go keteka letsatsi la ngwao ka Phatwe, ka jaana ngwaga wa Basotho o simologa ka yone kgwedi eno.

Rre Motseko a re maikaelelo a bone ke go tsosolosa ngwao, ka e aga setshaba se se boikarabelo le gore dikokomane tse di tlang di itse kwa di tswang teng.

O boleletse morafe fa go le botlhokwa go somarela puo, dijo, mmino le metshameko ya Sesotho, tse a supileng fa di dira karolo e tona mo ngwaong ya bone.

A re keletso ke go nna le Basotho cultural village, kwa ngwao ya bone e tlaa supiwang teng.

O supile fa go le molemo gore ba ikemele e le Basotho, kgosi ya bone e apare letlalo la nkwe a bo a ba emele le kwa Ntlo ya Dikgosi.

Ntate Motseko o tlhalositse fa pharologanyo ya dingwao e tlhoka gore ba ikemele gore ngwao ya bone e seka ya nyelela.

O ne a fa sekai sa lenyalo la bone, le a supileng fa ba nyala ka dikgomo tse di godileng di le lesome, le dinku di le lesome le pitsi e e tlang le sale.

O ne a tswelela ka go supa fa ba tlholegile kwa Dikgwele kwa Lesotho mme dikgotlhang tsa ba pateletsa go fuduga ka 1860.

A re ba ne ba thibelela kwa Winburg le kwa Mmamusa, mme e rile ka 1862 ba goroga kwa Dinokaneng.

Fa ba le kwa Dinokaneng, o tlhalositse fa ba ne ba tlhoka kutlwisisanyo ka bobone, mme e ne ya re magareng ga digwaga wa 1864 le 1866 ba goroga kwa Tlhareseleele, kwa ba leng teng le gompieno. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Thato Modiakgotla

Location : TLHARESELEELE

Event : letsatsi la go ipelela ngwao

Date : 28 Aug 2023