Go ngodiega ga bodiredi setlhabi
28 Aug 2023
Go goga dinao ga badirelapuso mo go diragatseng ditiro tsa ditlhabololo go a tshwenya.
Se se builwe ke mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Mmusi Kgafela fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Morwa le Pilane maabane.
Rre Kgafela o supile fa a tshwenngwa segolo bogolo ke gore ditirelo dingwe ga di goroge kwa morafeng, le ntswa di ntsheditswe madi ke puso.
A re lehuti le legolo la matlakala la Pilane ke sengwe sa tse di saletseng kwa morago go fudusiwa le mororo le beelwa madi ngwaga go ya ngwageng mme a supa se e le boitseme jwa bodiredi.
O supile gape ngongora ka go tlhoka go nchafatsa dikago tsa puso, go fetisa ditlhwatlhwa mo go feteletseng ga beng ba dikonteraka fa go agwa ga mmogo le go latlhelela ditiro tsa ditlhabololo ka kakaretso.
Mopalamente a re kokelo e kgolwane ya Deborah Retief ya Mochudi e tswa kgakala e tsenngwa mo ditogamaanong go atolosiwa, le gore puso e kile ya leka go e seegela madi fa thoko, mme go utlwisa botlhoko gore le gompieno jaana ga go nko e tswang lemina.
Rre Mmusi o ne a supa fa go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19 go amile dingwe ditlhabololo, mme a re le fa go ntse jalo, go na le tsholofelo ya gore kokelo eo e tlaa akarediwa mo mananeong a a tlang ka e le mo seemong se se tlhomolang pelo.
O ne a kopa banni go tlhoafalela go gakolola bana ba ba se nang kgatlhego ya go thusa batsadi, segolo bogolo mo go tsa temo-thuo, mme nako e ntsi ba e dirisa mo go tsa itloso bodutu.
Mopalamente Mmusi ne a itsesitse banni ka melao e e buisantsweng kwa palamenteng e e sa tswang go feta ya mariga, e e akaretsang molao wa batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe, le molao wa ditlhamo tsa tlhaloganyo magareg ga e mengwe.
O rotloeditse banni go tsaya karolo mo ditirong tse di fiwang kgaolo ya Kgatleng, segolo bogolo banana ba ba rutetsweng ditiro tsa diatla, a supa fa go se maleba gore ditiro tseo di fete beng-gae di neelwe ba sele.
Kwa Pilane, banni ba re ba tshwenngwa ke go tlhoka thulaganyo e e lolameng ya go tsewa ga matlakala le mororo go itsege gore motse wa bone ke wa madirelo a magolo.
Banni ba tsweletse ka go kopa gore kokelwana ya bone e godisiwe go thusa bosigo le motshegare le gore dikago tsa puso dingwe tse di mo motseng di ntshafadiwe.
Kwa Morwa, matshwenyego a banni a akareditse tlhaelo ya melemo kwa dikokelwaneng, letlhoko la ditiro, letlhoko la ditsha tsa bonno le batho ba ba gasagasang matlakala mo mebileng, bogolo jang metseto ya dipampiri, e ba bolelang fa e sa latlhwe sentle.
Dikopo tse dingwe tse banni ba di beileng mopalamente pele ke go tsenyediwa dipone tsa mekgwatha, go okelediwa babereki ba Ipelegeng, go tokafadiwa ga menyetla ya go ka isa dijo tse ba di dirang di tshwana le merogo le dikoko kwa mebarakeng ga mmogo le go beelwa kgosana ka jaana go na le phatlha e e tshwanetseng go kajwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Morwa
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 28 Aug 2023