Ramonaka o ngongoregela tiego ya ditlhabololo
28 Aug 2023
Banni ba Ramonaka kwa kgaolong ya Kgatleng Botlhaba ba re ga ba itumedisiwe ke tiego ya ditlhabololo mo kgaolwaneng ya bone.
Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente Mabuse Pule bosheng.
Banni ba re Ramonaka ke mongwe wa metse e e saletseng morago ka ditlhabololo, ba tlatsa ka go re seemo se bifisiwa ke go kgaoga ga motlakase kgapetsakgapetsa, ditsela tse di sa tsamaegeng le letlhoko la ditiro.
E rile a ntsha pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kgomotso Phiri, a bolela fa go tlhoka koloi kwa kokelwaneng go baya balwetse mo diphatseng.
A re ba turelwa kego hira dikoloi go isa balwetse kwa dikokelong.
Mme Phiri o boletse fa Ramonaka a amilwe ke tshwetso ya baoki ya go emisa go aba melemo, mme a bolela fa banni ba patelesega go senka melemo kwa dikokelwaneng tsa metse e e gaufi.
Fa a ntsha la gagwe, Mopalamente Pule o boletse fa palamente e tsere tshwetso ya gore go okediwe mapalamente go tswa mo go masome a matlhano le bosupa go ya kwa go masome a marataro le bongwe.
O boletse fa komiti e e neng e kgaoganya melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bokhanserala e ntshitse pego e e supang fa Ramonaka, Mmathubudukwane le Sikwane e tlaa nna kgaolwana e nngwefela ya khansele.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa se se ka se ke se kgoreletse ditlhabololo kwa Ramonaka.
Rre Pule o tlhalositse gape fa palamente e dumalane ka melao e le lesome le borataro e e akaretsang o o sireletsang balwetse ba tlhaloganyo le tshomarelo tlholego le matlotlo.
O boletse fa melao e, e tlaa tsena mo tirisong mo nakong e e gaufi ka Botswana a bereka ka morero.
O ne a supa fa monongwaqa madi a a fiwang ditiro tsa ditlhabololo tsa dikgaolo tsa bopalamente a tlaa dirisediwa go tlhabolola ditsela.
Rre Pule o rotloeditse banni go tsaya ka tlhoafalo mananeo a puso, a re ka one ba ka inamola mo letlhokong la ditiro.
E rile a araba kgang ya motlakase, Rre Pule a bolela fa go solofetswe kgokelo ya mafaratlhatlha a sennelaruri a mono go tswa mo go a Afrika Borwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Otsile Modise
Location : RAMONAKA
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 28 Aug 2023