Breaking News

Dipalo tsa Ipelegeng di okeditswe

28 Aug 2023

Go imolola Batswana mo manokonokong a leuba, puso e tsere tshwetso ya go oketsa babereki ba Ipelegeng ka 10 000 le go fokotsa madi a dijo tsa leruo ka boraro mo lesomeng.

Se se tla ka jaana ditshekatsheko tsa seemo sa leuba mo lefatsheng leno di supa fa leuba le tlhasetse lefatshe lotlhe.

Mopalamente wa Lerala/ Maunatlala Rre Sethabelo Modukanele o buile jaana kwa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Ratholo, Majwaneng, Lesenepole, Moremi, Maunatlala le Mosweu bosheng mo leetong la go lekola kgaolo ya gagwe ya botlhophi.

Rre Modukanele a re mo go kgaoganyeng dipalo tsa Ipelegeng ka metse, go tlaa sekamelwa kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo.

Rre Modukanele o ne a itsese banni ka molao o o tlaa bong o itebagantse le gore morui o rekisa nama jang gore a seka a jewa ntsoma.

A re go tswa kgakala Batswana ba sa itumelele ditlhwatlhwa tsa go rekisa nama  mme go tlaa bo go na le lekgotla le le ikemetseng la Meat Industry Regulatory Authority le le tlaa sekasekang go bona gore Batswana ba ka solegelwa molemo jang ke kgomo.

A re se setona ke gore Motswana a sologelwe molemo ke seruiwa se a ikaegileng ka sone e leng kgomo.  

O ne a tsibogela dikgang dingwe tse di neng di buiwa ke Rre Galenkgope Solomon wa Ratholo yo o neng a supa fa puso e ne ya reka dipoo kwa mafatsheng a sele e sa rerisa ope e bile madi a a neng a reka dikgomo tseo a ne a seyo mo lenaneong.

Rre Modukanele a supa fa madi ao a ne a le mo lenaneong e bile a fetisitswe ka Palamente.

Mopalamente o ne a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tsamaya lefatshe lotlhe a leka go bona gore tse di farologaneng di ka tokafadiwa jang mme ke gone mo e rileng fa go dirwa lenaneo la kabo ya madi ga tsenngwa kgang ya gore go tokafadiwa jang leruo la lefatshe leno mme ga tsenngwa madi ao mo teng.

A re ga go na madi a puso a a ka dirisiwang go sena morero.

Rre Modukanele o ne a supa fa mo malatsing ano motho a tlaa nna le dipoelo tse di nametsang fa a rekisa kgomo. 

A re fa morui a rekisa kgomo e e senang boleng e bo e bewa mo sekaleng le e e nang le boleng, e e nang le boleng ke yone e tlaa rekwang, ka jalo a re Batswana ba tshwanetse ba fetole ka fa ba ruang ka teng. 

A re Motswana ga a a tshwanela go rua kgomo e sa mo solegele molemo mme a rotloetsa barui go tsibogela go tlhabolola leruo ka go le rekela moroto wa dipoo tsa boleng gore ba ungwelwe. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : kgotla meeting

Date : 28 Aug 2023