Bolwetse jwa tlhaloganyo bo ama botlhe
27 Aug 2023
Puso e tsweletse ka go dira ka gotlhe go tsibosa ka botlhokwa, le go tlamela ba ba amilweng ke botsogo jwa tlhaloganyo, ka jalo kemo nokeng ya ba-na-le-seabe ka go farologana e ka dira pharologanyo.
Seabe se se ka tsisa pharologanyo bogolo jang mo dikgannyeng tsa kgethololo ya balwala tlhaloganyo.
Modulasetilo wa Scripture Union, Moruti Michael Legodi o buile jalo ka Labone mo Gaborone jaaka go ne go ipaakanyetswa go tsena mo kgweding ya thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV gammogo le bolwetse jwa AIDS, dikotsi tsa tsela, kgokgontsho ya bong le tse dingwe ka go farologana.
Moruti Legodi a re dikgang tsa kgethololo ya ba ba sa itekekanelang mo tlhaloganyong e a tshwenya.
A re kgetlhololo eo e na le seabe mo go kgoreletseng ba ba amegang go kopa dithuso tse di maleba mme ba felele ba inaakanya le ditiro tse di sa amogeleseng di akaretsa go dirisa ditiritbatsi, le go goga metsoko e e bogale e bile e sa letlelelweng.
Moruti Legodi a re bolwetsi jwa tlhaloganyo go bo ama mongwe le mongwe, mme go supafala fa banana bangwe ba gatelelwa thata mme ba iphitlha, phelelong ba dire ditiro tse di sa amogeleseng di akaretsa go bolaya ga mmogo le yone kgokgontsho.
A re mangwe maiteko a a ka dirang pharologanyo go thusa ba ba amegileng ke gone go supa kutlwelobotlhoko, go supa tlotla le gone go reetsa ka kelotlhoko ka nako ya tekodiso.
Modulasetilo wa BOCHAIP, Moruti Keleneilwe Kgeretlha o gakolotse ka botlhokwa jwa go ikanya thapelo le Modimo mo diemong dipe tse ba kopanang le tsone.
A re thapelo e tsisa tsholofelo gape e ka neela kagiso mo moweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : GABORONE
Event : KGWEDI YA THAPELO
Date : 27 Aug 2023