Breaking News

Kisa Multipurpose Co-operative e simolodisiwa

27 Aug 2023

 Motse wa Kisa mo kgaolong ya Tsabong o tlhomile  koporase ya ntlha ya motse oo ya Kisa Multipurpose Co-operative Society e maikaelelo a yone eleng go tlhabolola morafe le go tlhamela banni ditiro

Fa a ba rolela setlankana sa koporase eo kwa Kisa ka Labone, moeteledipele wa lephata la dikoporase mo kgaolong ya Tsabong Mme Tumelo Sekwati a re maloko ba dirile gotlhe go kgotsofatsa tsotlhe tse di neng di tlhokega gore ba kwadise Kisa Multipurpose Co-operative Society.

A supa jalo gore koporase eo ke ya mofuta wa baji-badiri e e leng gore maloko a tsenya seatla mo go yone mme ba tlaabo ba dira dijo tsa leruo le masaka a ba tlaabong ba jesa leruo go le baakanyetsa go ya matlhabelong a Tsabong a a tlaa bulwang mo bogaufing.

Mme Sekwati a re go aga koporase eo maloko a ne a simolola pele ka go ntsha diabe tse di lekanang ka go ntsha dipudi tse pedi mongwe le mongwe wa bone. A re ba ne ba dira moalo wa kgwebo o o supang fa kgwebo eo e tlaa bereka. O tlhalositse fa godimo ga moo maloko a ne a dira melao e e tlaa tsamaisang koporase eo.

Mogolwane yoo o ne a tlhalosa gore tiro kgolo ya koporase ke go tlhamela maloko ditiro, go thusa morafe go tlhabolola motse, go thusa batlhoki, go itlhabolola le go tlhama ditiro. 

Fa a amogela setlankana seo, modulasetilo wa koporase eo, Rre Hendrick Kelehile a re maloko a koporase eo ba masome a mabedi ka palo.

A re borre ba ferabobedi fa bomme ba le lesome le bobedi mme ba simolotse mosepele wa go tlhama koporasi ka ngwaga wa 2020. A re bontsi jwa maloko ao ke balemi-barui ba ba ipopileng go dira dijo tsa leruo ba dirisa dikelekesi le metswako e mengwe ya dikotla.

Rre kelehile o ne a leboga ba lephata la Temo-Thuo ka go ba tlhatlhelela ka dikitso tsa go dira dijo tsa leruo ka go farologana. 

O lebogetse puso go ba fa thuto eo ba sa lopiwe sepe. A re ba itse sentle gore ba tsile go tsena mo phadisanyong e e mashetla mme ba ikemiseditse go dira ka natla. 

A kopa ba lekgotla la kabo ditsha go ba baya lefatshe gore ba kgone go ntsha dijo tsa leruo.

Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa Rre Samuel Brooks o ne a ba phophotha legetla go ema ka dinao go itirela. A ba kopa gore mo mosepeleng wa bone ba dire gore molao o nne seikokotlelo sa bone ka o ka ba thusa go gola fa ba o dirisa sentle mme ebile ba itse ditshwanelo tsa bone e le koporase.

Mopalamente Brooks a re lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la Reset Agenda le rotloetsa gore batho ba fetole ka fa dirang dilo ka teng ka jalo ba eme ka dinao go dira dilo sesha mo koporaseng eo. 

Mogolwane go tswa Local Enterprise Authority (LEA), Mme Dimpho Motsamai o ne gakolola ba koporase gore jaanong ba itse gore ba mo kgwebong ka jalo go botlhokwa gore koporase e kgobokanye dithoto tse e leng tsa yone go na le go ikaega ka dithoto tsa maloko. A ba rotloetsa go tswelela ba ikgolagantse le ba LEA gore ba ba thuse ka maele gongwe le gongwe ko ba tlaa eletsang go kokota teng.

Kgosi Matshidiso Babeile wa Kisa o lebogetse koporase eo a re banni ba dirile ditso mo motseng oo, e bile o leboga maphata a puso le makgotla a a ikemetseng go ba tsamaisa tshipidi go fitlha ba kwadisa koporase eo. 

“Ga re kake ra kgona go tlhola re kopile fela re lebile mafatshe a mangwe mme re na le ditlhaloganyo le diatla,” Kgosi Babeile a tlhalosa.

O ne a kopa gore koporase eo e emiwe nokeng, e abelwe lefatshe a supa jalo gore mo nakong eno ga ba na lefelo le ba direlang mo go lone mme ba santse ba tlaa rwala ditlhako go ya go kopa ko lekgotleng la kabo ditsha. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : KISA

Event : KOPORASE

Date : 27 Aug 2023