Ba twantsho borukutlhi ba akgoletswe bonatla
27 Aug 2023
Maloko a twantsho borukutlhi a kgaolo ya Mahalapye a abetswe dietsele go ba lebogela maiteko a bone a go dira tiro ka botswapelo le bonatla.
Ba neetswe dietsele tse kwa moletlong wa go ipelela go diragatsa maitlamo a bone a go sireletsa setshaba le ba sepodisi kwa Mahalapye bosheng..
Fa a bua kwa moletlong wa kabo dietsele, Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye a re ntle le maiteko a ba twantsho borukutlhi, dikgang tsa borukutlhi di santse di tshwenya mo motseng wa bone.
A re borukuthi bo ka fenngwa fela fa go ka simololwa kwa lwapeng, kwa eleng gone modi wa kgodiso ya ngwana.
Kgosi Tshipe a re batsadi ba tshwanetse go tsaa boikarabelo ka boitshwaro le mekgwa ya bana ba bone.
O boletse fa dilo tsotlhe tse di diragalang mo motseng di simolola kwa lwapeng, a supa fa thekiso ya diritibatsi ka mefuta ya tsone le nnotagi di rekisiwa mo malwapeng.
A re batsadi bangwe ba roma bana go rekisa dilo tseo mme e re ba tshwarwa batsadi ba bone ba bo ba ba sireletsa.
O tlhalositse fa go dira jalo e le go senya bokamoso jwa bana e bile go paledisa mapodisi go dira tiro ya bone ya go lwantsha borukutlhi.
Kgosi Tshipe o ne a supa gape fa a tshwenngwa ke bogodu jwa megala ya metlakase, a re le yone e fitlhiwa mo malwapeng.
A re dikgang tse ga di fokotsege ka batho ba di rotloetsa ka go bapatsa megala fa bangwe ba e reka mme go sa tsewe dikgato dipe.
Kgosi Tshipe o rotloeditse botlhe go fetola ka fa ba akanyang ka teng le ka fa ba dirang dilo ka teng kwa malwapeng gore ba kgone go lwantsha borukutlhi.
O boletse fa dikgang tsa kgokgontsho le tsone e le kgwetlho mo malwapeng mme a kopa gore di emelwe ka dinao gore di fele.
O akgoletse maloko a twantsho borukutlhi go dira ka natla mo tirong ya bone le ntswa ba ithaopile.
A re go tsaya dietsele ke go rotloetsa ba ba dirileng sentle le go gwetlha ba ba saletseng kwa morago go dira bontle.
Fa a tswa la gagwe Mookamela mapodisi a Mahalapye le metse e e mabapi Senior Superintendent Reuben Mphoeng a re ba ipelela maiteko a bone a go lwantsha borukutlhi.
Snr Supt Mphoeng a re borukutlhi bo tla ka ditsela tse di farologaneng mme a kopa setshaba go tsibosa ba sepodisi ka nako a re go dira jalo go ka thusa gore ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone a go sireletsa setshaba go ya pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : KABO DIETSELE
Date : 27 Aug 2023