Dikgafela di rotloetsa boipelego le tshwaragano
26 Aug 2023
Mothusa kgosi ya Bangwaketse, Kgosi Kebapetse Telekelo, a re dikgafela di rotloetsa mowa wa tshwaragano, boipelego le botsalano mo morafeng.
O buile se ka moletlo wa dikgafela kwa Kanye ka Labone. A re dikgafela di isiwa kwa kgotleng kgolo ngwaga le ngwaga go lebogela thobo le go kopa pula.
Kgosi Telekelo o boletse fa ba tlodisitse dingwaga tse tharo ba sa rulaganye moletlo o ka ntata ya segajaja sa COVID-19.
A re mabele aa rotsweng ke morafe a tlaa isiwa kwa khamphaneng ya NAFTC gore e a sile mme morago kgosi a bitse magosana a gagwe go tla go tsaya bupi go ya ka botlhoki jwa batho ba bone.
Mohumagadi wa ga kgosi kgolo ya Bangwaketse, Mme Masetsibi Malope, ene a re le ntswa e ne e le lantlha a bona moletlo wa dikgafela, o bona e le thulaganyo e ntle thata.
O akgoletse bomme go ithulaganya sentle, a tlatsa ka gore ke bone ba ba neng ba le bantsi go feta borre mme e bile ba ne ba supa bokgeleke jwa pina.
A re dikgafela di supa tshwaragano le tirisanyo ya morafe
Mohumagadi a re sengwe se se kgatlhang ka dikgafela ke gore makgotla mangwe a tsenya bana a re se se supa gore ba ruta bana bao ngwao gore e seka ya nyelela. BOPA
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Dikgafela
Date : 26 Aug 2023