Temo-thuo konokono ya itsholelo
24 Aug 2023
Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa Rre Leepetswe Lesedi a re balemi ke bone fela ba ba ka busetsang serodumo sa temo.
O buile se kwa letsatsing la balemi kwa Segakwana, mo kgaolong ya Serowe Borwa ka Laboraro. Rre Lesedi a re temo ke mokwatla wa itsholelo ya lefatshe leno.
A re temo-thuo e na le dikgwetlho mme se se salang ke gore balemi ba emelane le tsone go jesa lefatshe la Botswana, atlatsa ka gore gotswa go lowe temo-thuo ene ele motswedi wa botshelo wa Batswana.
“Puso e ntshitse mananeo ele tsela ya go supa gore e rotloetsa se le se dirang, tsayang mananeo ao le supegetse puso fa e sa latlhe madi,”a bua jalo.
Rre Lesedi o rotloeditse balemi go itshokela dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ka temo e le yone e ka jesang Batswana.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa Temo ya Komelelo go tswa kwa Lephateng la Temo Thuo Rre Tshenolo Lentswe o ne a gakolola balemi ba masimo a Segakwana go inaakanya le methale e e tlhabolotsweng ya temo go tokafatsa thobo.
Rre Lentswe a re tiriso ya methale e e tlhabolotsweng e ka thusa balemi go emelana le seemo se se sa iketlang sa phetogo ya loapi, dibetso tsa tlholego le diji.
O gakolotse balemi go nna le lenaneo la temo le le ba kgontshang gore ba itsi gore ba lema eng ka nako efe.
A re se ba tshwanetse go se dira ba lebeletse seemo sa loapi gore ese re gongwe ba iphitlhela ba iphotlhere.
Rre Lentswe o ne a tsibosa balemi ka botlhokwa jwa gore gangwe le gape ba tlhatlhobe mmu le metsi a ba a dirisang mo temong.
O ne a gakolola balemi gore ba ithute ka dibolaya mehero le diji gore ba tle ba kgone go di dirisa sentle ba sa tsenye matshelo a bone le a baji ba temo tsa bone mo diphatseng.
Rre Lentswe o ne a ntsha matshwenyego a gore balemi ga ba na dibuka tse ba kwalelang tsotlhe tse di amang tiro ya bone.
A re se, se ka ba baya ka fa mosing fa ba tshwanetse go akola mananeo a temo ya komelelo a tshwana le Impact Accelerator Subsidy (IAS).
“Le tshwanetse go supa gore le a rutega, le inaakanya le methale ee tlhabolotsweng gore le nne le thobo e e nametsang.
Nnang ditsala le balemisi ba lona, le ba botse ba le tlhalosetse fa le sa tlhaloganyeng teng,” Rre Lentswe a tlhalosa.
Mogolwane wa balemisi wa kgaolo ya Serowe District Council (SDC) Mme Galesiti Tlhalefang a re maikaelelo a letsatsi e ne e le go tla go akantshanya le balemi ka ditsela tse ba ka di dirisang go inaakanya le seemo sa phetogo sa loapi.
“Re le balemisi go na le dilo tsere lemogileng fa le sa di dire sentle le le balemi ke ka moo re boneng go le maleba gore re tle go gakololana mo letsatsing la gompieno,” ga bua jalo Mme Tlhalefang.
Mme Tlhalefang a re ba laleditse lephata la Botswana Marketing Board (BAMB) le la Temo-Thuo go tla go ruta le go gakolola balemi ka tse ba di itemogelang kwa maphateng a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEGAKWANA
Event : letsatsi la balemi
Date : 24 Aug 2023