Breaking News

Puso e tlaa aga borogo jwa nakwana

24 Aug 2023

Banni ba metse ya Tobane le Tshokwe ba tlaa agelwa borogo jwa nakwano go kgabaganya noka ya Molabe mo kgaolong ya Bobirwa.

Le fa go ntse jalo ba tlhaloseditswe gore fa puso e ka bona madi go tlaa nna le lenaneo la go aga borogo jwa sennela ruri.

Noka ya Molabe ke nngwe ya tse ditona mo kgaolong ya Bobirwa e e kgabaganyang metse ya Tobane le Tshokwe, e e reng ka nako ya dipula di nele e kgonang go kgoreletsa  metsamao. 

E rile a lekodisa mopalamente wa kgaolo Rre Molebatsi Molebatsi ka fa ba tsweletseng ka teng, mogolwane wa Khansele ya Bobirwa, Mme Seole Sosome a tlhalosa fa ba setse ba simolotse legato la ntlha la go kgaola ditlhare le go gopa tsela e e tlaa  dirisiwang.

A re keletso ke gore tiro e fele  pele ga dipula tsa mono ngwaga.

Mme Sosome o tlhalositse fa di dirisiwa tsotlhe di le teng, mme ba solofetse gore e re ka kgwedi ya Lwetse e tlhola gangwe bodiredi bo bo tlaa bong bo nna kwa Tobane bo bo bo simolola tiro. 

A re ditumalano di setse di dirilwe tsa go tsaya mmu kwa Tobane o o tlaa bong o dirisiwa.

O tlhalositse fa borogo jo e tla bong e le jwa nakwana bo ba balesegile go ka dirisiwa ke batho le dikoloi.

E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e itebagantseng le kago ya borogo, Rre Abraham Chakalisa o tlhalositse fa kago ya borogo e tlaa thusa thata baagi ba metse ya Tobane le Tshokwe ka go ba tlhofofaletsa mesepele.

Rre Chakalisa a re noka ya Molabe e ne e tlhokisa bogogi ba metse eo boroko, ka e ne e dia ditlhabololo tsa metse ya bone.

E rile a tswa la gagwe, mopalamente Rre Molebatsi o ne a akgola khansele ya Bobirwa go bo e ile ya  tsibogela selelo sa banni ba metse eo. 

Rre Molebatsi o ne a re go botlhokwa gore e re puso e ntsha mananeo a a ka sologelang batho molemo, a dirwe ka nako.

O ne a lebogela bogogi jwa metse e mebedi eo go tshwaragana go bua ka lentswe le le lengwe gore dikeletso tsa bone di diragale. 

A re kago ya borogo jwa noka ya Molabe e ya go tsisa pharologanyo e e seng kana ka sepe mo matshelong a batho ba metse eo.

Rre Molebatsi o tlhalositse fa batho ba metse eo fela jaaka e mengwe, e le balemi barui ba le bone ba nang le tshwanelo ya go ka rekisa se ba nang naso, mme fa dipula di nele seo ga se kgonagale.

O ne a kgothatsa bodiredi jwa khansele go dira le bogogi jwa metse, go nna ba ba lekodisa ka fa tiro e tsweletseng ka teng. 

A re se, se ka dira gore banni le bone ba nne le seabe mo ditlhabololong tsa metse ya bone.

Le fa go ntse jalo, o ne a iteela legofi lenaneo la puso la go thapa bodiredi jwa Ipelegeng mo kagong ya ditlhabololo tsa metse ya bone, bogolo jang banana, a tlhalosa fa se ele go ba nonotsha le go ba ruta gore ba tsoge ba ipelega.

Rre Molebatsi a re leobo la Tshokwe ke sekai sengwe se se ka dirisiwang, e le sekao go rurufatsa fa seo se na le maduo.

Rre Molebatsi o ne a kgothatsa banana ba ba setseng ba tsere botsipa mo lenaneong leo go bo dirisa go itshela metsi mo ganong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : TSHOKWE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 24 Aug 2023