Breaking News

Moseki o kopa baruakgomo go ikopanya

23 Aug 2023

 Rre Moseki Moseki yo e leng mongwe wa ba ba neng ba amogela mpho ya poo go tswa kwa go Tautona Dr Mokgweetsi Masisi mo kgaolong ya Mmadinare a re o ikaelela go thusa barui ba bangwe go tlhabolola leruo la bone.

Fa a bua mo potsolosong Rre Moseki yo o tlogetseng tiro ka bogodi, o gateletse botlhokwa jwa gore barui ba ikopanye gore ba kgone go thusana, a tlatsa ka gore nako e tsile ya gore Batswana ba tlhabolole thuo ya bone go godisa mohama wa nama.

Rre Moseki o rotloeditse barui ka ene go dirisa dikampa tsa kgwediso ya seatla go gwedisa leruo la bone ka poo e tlhabolotsweng, a supa fa go se turu ka go lopa P30.

A re puso e dira go le gontsi go thusa baruakgomo, a tlhalosa gore fa ba isitse dikgomo tsa bone kwa dikampeng di  tlhokomelwa mhala kgwedi tse tharo. 

A re pele a fiwa poo, o ne a kile a nna le ya gagwe, mme ya mo latlhegela ka jalo o ntse a tshela ka go isa leruo la gagwe kwa kampeng ya kgwediso ka seatla e e kwa Sefhophe. 

Rre Moseki o tshepisitse go tlhokomela poo e a e filweng kgatlhanong le kgofa e thamaga e kgonang go bolaya leruo, e a reng e tshwenya meraka ya Marulamabedi gaufi le Mmadinare.

Le fa e setse e le dikgwedi tse tharo a ntse a filwe poo e, a re ke gone ne e simolola go gwela mme o solofetse go le gontsi mo nakong e sa fediseng pelo.

Le fa kgaolo ya Zone 7 e akaretsang meraka ya kgaolo ya Mmadinare le Bobirwa e le kgaolo e tswang kgakala e tshabelelwa ke bolwetse jwa tlhako le molomo, Rre Moseki o lebogetse barui go bo ba dira ka natla go tlhokomela leruo la bone gore le seka la amana le leruo le le tswang mo mafatsheng a mabapi. 

A re go setse go le dingwaga di le mmalwanyana bolwetse jwa tlhako le molomo bo sa tshwenye mo kgaolong ya Zone 7 e bile a re o akgola puso  go bo e ile ya tsaya tshwetso ya go letlelela thekiso ya leruo le le tswang mo kgaolong eo.

A re se se file malwapa ka bontsi botshelo ka ba kgona go rekisa nama ya bone ka tlhwatlhwa tse di fa godimo. Rre Moseki o thapile babereki ba le babedi kwa morakeng mme jaaka morui yo o itseng ka leruo o nna kwa morakeng wa gagwe go bona gore leruo le bona tlhokomelo e e maleba ka e le lone le mo jesang.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : potsoloso

Date : 23 Aug 2023