Breaking News

Phiro ya baabi ba melemo ea wela

23 Aug 2023

Puso e leka ka bojotlhe go fa balwetse dipilisi kana melemo ka nako e e tshwanetseng.

Sebe sa phiri ke gore go na le dikgwetlho fa e sa le baoki ba ithola tiro ya go aba melemo. 

 Mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala Rre Sethabelo Modukanele o buile se fa a buisa  diphuthego tsa kgotla kwa  metseng ya Ratholo le Manaledi bosheng.

 Rre Modukanele o ne a tsibogela ngongora e e neng ya ntshiwa ke mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ratholo Mme Osego Gabaatlholwe, yo o neng a supa matshwenyego a gore banni ba kgona go ya kokelolwaneng ba itekodisa ba bo ba felela ba fiwa dipilisi morago ga malatsi gongwe a le mararo ka ba fiwa dipilisi ke ba ba tswang Palapye.

O ne a kopa Rre Modukanele go tsibogela kgang e bogolo jang ka gore e ama botsogo jwa batho, e bile motho a kgona go gatelelwa ke bolwetse ka ntata ya go sa fiwa dipilisi kana melemo e a neng a e kwaletswe.

Ka jalo Rre Modukanele o ne a tlhalosa fa seemo sa go sa fiweng dipilisi ka nako se bakilwe ke gore baoki ba ne ba emisa ditirelo tsa go fa melemo mme ba tswelela ka tiro ya go bona balwetse fela. 

Rre Modukanele a re mo nakong eno puso e santse e tsweletse e buisanya le ba ba maleba go rarabolola seemo se.

A re go le pele go ne go na le matshwenyego a gore dipilisi le melemo di a tlhaela kwa dikokelong mme ya re go sena go tsibogelwa kgang e, ka maswabi ga tlhagoga kgang ya tlhaelo ya ba ba fang melemo.

 A re thulaganyo ya go thapa ba ba ithutetseng tiro ya go fa dipilisi le melemo e tsweletse  mme o na le tsholofelo ya gore e tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo seemo se boele mo taolong.

Mopalamente a re mo nakong eno go dirilwe dithulaganyo le ba ba ntseng ba le teng, gore ba dire thulaganyo ya gore ba tsamaye le metse e e farologaneng ka malatsi a a farologaneng go fa melemo le dipilisi.

Mo go tse dingwe Rre Modukanele o ne a itsise banni fa komiti e e neng e tlhomilwe go sekaseka dikgaolwana tsa bokhanselara e ne ya wetsa tiro ya yone mme kgaolo ya  bone e boetse mo leineng la pele la Tswapong Bokone.

A re metse e mengwe e e neng e se mo kgaolong ya Tswapong Bokone e tsentswe mo go yone mme e akaretsa Mogapi, Mogapinyana, Tamasane, Kgagodi le Diloro.

O ne a itsise banni gape gore kgaolwana ya bokhanselara e e neng e bitswa Ratholo/ Majwaneng e kgaogantswe gabedi mme e nngwe e bidiwa Ratholo fa e nngwe e le Majwaneng.

Rre Modukanele o ne a itsise banni fa pego ya tshekatsheko ya molao motheo e ne ya neelwa Tautona mme mo nakong eno e santse e tlhotlhiwa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : RATHOLO

Event : phuthego tsa kgotla

Date : 23 Aug 2023