Moruti o ba rotloetsa go ikaega ka Modimo
22 Aug 2023
Moruti Duke Sebi wa kerekeng ya Bible Life o gakolotse banana ba Tsabong le metse e e mabapi go fetola dikakanyo, tlhaloganyo, maikutlo le boitshwaro.
O buile se kwa kgotleng ya Tsabong ka Tshipi mo bokopanong jo maikaelelo a jone e neng e le go tla go buisanya le banana ka se se ka dirwang go tokafatsa matshelo a bone.
Moruti Sebi o ne a ba rotloetsa go dira dilo ka pharaloganyo ba ikaegile ka lefoko la modimo go ba kaela tse di siameng e bile ba ikgaphe mo go tse di ka ba senyetsang bokamoso jaaka dinotagi, go goga motsoko le boitsholo jo bo sa amogelesegeng.
O boletse fa nako e gorogile ya gore baruti ba fetole ka fa ba rerelang diphuthego ka teng.
A re ba tshwanetse ba rere thata ka tse di ka fetolang ditlhaloganyo le maikutlo ba remeletse thata mo lenaneong le sesha la Mindset Change, mme gape ba itepatepanye le seemo sa botshelo le dipaka tsa nako eno ba tsepame thata mo bananeng.
Moruti Sebi o ba kopile go fetola ditlhaloganyo tsa bone go ithuta thata dikitso tse disha tse di pharologanyo go na le tse dikgologolo ka di setse di fetilwe ke nako.
A re ba ipaakanyetse diphetogo tse di leng teng gompieno ba na le tsholofelo mme gape ba seka ba tshaba go ithuta mo go ba bangwe tse di ka ba isang kwa pele le go tokokafatsa matshelo a bone ka ‘dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe.’
A re nako e gorogile ya gore ba tlogele go supa puso ka monwana mabapi le letlhoko la ditiro mme ba tlhatlose dikakanyo ka go dirisa ditalente tsa bone tse di farologanyeng go itlhamela ditiro.
Mogolwane go tswa mo lephateng la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao, Mme Thato Motswakwa, o tlhalositse gore maikaelelo a letsatsi leo e ne ele go buisanya le go arogana le banana go tswa mo dikerekeng tse di farologanyeng.
Mo godimo ga moo, Mme Motswakwa a re bokopano joo ke go itshekatsheka ka bongwe ka bongwe ka fa ba ka dirang dilo ka teng e bile go le pharologanyo, mo go ka ba isang kwa pele mo matshelong a bone le setshaba ka kakaretso ba remeletse mo lenaneong le lesha la ga tautona la A re Chencheng le le setseng le na le kgwedi le simolodisitswe kwa Zutshwa.
Mme Motswakwa o ne a supa fa gape e le go ba rotloetsa go ikemela ka dinao le gore ba seka ba inyatsa mme ba tswe ka megopolo le dikakanyo tse di ka ba tlhabololang go ya pele ba itepatepantse le diemo tsa botshelo jwa nako eno.
O gakolotse banana go nna le seabe mo itsholelong ya lefatshe ka go itlhamela ditiro ka mananeo a a leng teng go na le go ikaega fela ka puso le go dirisa sebaka se se leng teng go itlhabolola.
Mo dipuisanong tseo moemedi go tswa kwa ofising ya ga molaodi Mme Thapelo Lesolame o ne a kgothatsa banana go fetola ditlhaloganyo, maikutlo le boitshwaro jwa bone jo bo sa amogelesegeng ka go ikgapha mo go iphitiseng dino ka di felela di ba senyetsa bokamoso.
Mme Lesolame o supile fa bangwe ba banana ba nna fela mo mafelong a dino go na le go itirela tse di ka fetolang matshelo a bone, fa bangwe ba felela ba ima ba sa le bannye e le dingwe tsa dikgwetlho tse di tshwanelwang ke go emelwa ka dinao ke boeteledipele ba tshwaraganye le batsadi.
Fa ba ntsha maikutlo a bone, ba ne ba supa fa ba amogela gore ba fapogile tsela ka go dira tse di sa amogelesegeng mo setshabeng mme ba supa fa nako e gorogile ya gore ba amogele lenaneo le lesha la ga Tautona ka go fetola dikakanyo, maikutlo le boitshwaro.
Ba re boitshwaro jo bo maswe bo felela bo jwelelela le mo baithuting mo dikoleng.
Moruti Masego Koonnetseng wa kereke ya Eloyi mo Tsabong o ne a supa fa go le botlhokwa gore puso e tshwaragane le dikereke ka lenaneo leo ka ba tswa kgakala ka go aga, tshidilo maikutlo le go tsisa thitibalo mo lefatsheng selo se a supileng fa se tlhoka tshwaragano ya ba-na-le seabe botlhe.
Moruti Koonnetseng o ne a supa fa jaanong nako e gorogile ya gore ba papamatse mo diphuthegong e le baruti ka go rera ka tlhakanelo dikobo, nnotagi le tse dingwe tse di raelang banana go tlhoka tsebe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Bokopano
Date : 22 Aug 2023